Breaking News

Khansele e rolela Manyaka ntlo ya Bonno

12 Oct 2026

Khansele ya toropo ya Lobatse e roletse Rre Paul Manyaka wa kgotla ya Pitikwe ntlo ka fa tlase ga lenaneo la Bonno Housing Scheme bosheng. 

Fa bua kwa moletlong wa go  ribolola ntlo ya ntlha ka fa tlase ga lenaneo la Bonno kwa Lobatse,  Ratoropo, yo gape e leng mokhanselara wa Pitikwe, Rre Aron Ganakgomo, a re ke maikaelolo a puso gore batho ba nne le bonno jo bo siameng e bile bo ka kgona go duelelwa ke Batswana ka bontsi. 

A re mo matlong a le mane, e le nngwe kago ya yone e santse e tsweletse fa a mararo a fedile mme e bile nngwe ya a one e le yone e rolelwang moikopedi Rre Manyaka.  A re maikaelelo ke go dira go menagane go aga matlo a mantsi go tlamela Batswana ka bonno. 

Mogolwane gotswa kwa khanseleng ya Lobatse Mme Malebogo Magano o boletse fa lenaneo la Bonno le thusa ba ba lebanyeng ka dikarolwana tse di farologanyeng di tshwana jaaka turnkey e a tlhalositseng fa moikopedi a ka e fitlhelela ka madi a P90, 000.00, e le tiro e e dirwang mo sebakeng sa kgwedi tse nne. 

A re lenaneo la go tokafatsa bonno jo bo leng teng le fitlhelelwa ka madi a selekanyo sa P60, 000.00 mme go fela ga tiro ya teng go laolwa ke moikopedi. 

A re ka lenaneo le go ikaelelwa go tokafatsa selebego le tlhabololo ya bonno. Modulasetilo wa komiti ya Bonno, kwa khanseleng ya toropo ya Lobatse Rre Kago Malele o rotloeditse Batswana ba ba santseng ba na le ditsha tse di iseng di tlhabololwe go iketleeletsa kwa khanseleng go kopa go thusiwa ka lenaneo la Bonno,  le a tlhalositseng fa go dira dituelo tsa lone go le motlhofo ka go simolola ka dielo tse di kwa tlase kgwedi le kgwedi go tswa ka bokgoni jwa moikopedi.

Fa ntsha la gagwe mogolwane wa Lephata Quality Assurance mo koporaseng ya Botswana Housing Corporation a re kago ya ntlo eo, e simolotse ka Seetebosigo, e le e e tsayang kgwedi tse nne go agiwa le go neelwa moikopedi. 

O tlhalositse fa Kago e dirwa go setse morago therisanyo le moikopedi mo legatong lengwe le lengwe go netefatsa gore dikeletso tse di supilweng ke moikopedi di a diragadiwa. 

O tlhalositse fa ntlo e fiwa sebaka sa kgwedi tse tharo gore mong wa yone a e tlhatlhobe diphoso tse di ka bonalang. A re morago ga se, diphoso dipe tse di tlaa nnang teng e tlaa nna boikarabelo jwa mong wa ntlo.  Fa a amogela ntlo ya gagwe Rre Manyaka o akgotse puso ka lenaneo la go fa Batswana bonno a ba a lebogela bana ba gagwe go bo ba tsere boikarabelo jwa go duelela bonno jwa gagwe. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Moletlo wa go ribolola ntlo

Date : 12 Oct 2026