Breaking News

Bogato jwa mogoma ga bo tlhobogwe

12 Oct 2026

E rile ka Laboraro morafe wa GaNgwaketse wa bo o tshologetse kwa kgotleng kgolo ya Kanye jaaka Kgosi Malope II wa Bangwaketse a ne a bolotsa letsema la ngwaga ono.

Kgosi Malope II a re le fa ba tepo loapi ba kaile fa pula e tlaa nna boutsana ka ntlha ya seemo sa elnino, o ba kgothatsa go ya go lema ba na le tshepho.

Kgosi o tlhalositse fa tiro ya go tshereganya di kgotlhang tsa selegae le tsa manyalo e tlaa ema Sedimonthole a tlhola ga raro, go fa balemi sebaka sa go bereka masimo. Fa a ntsha la gagwe mogolwane kwa lephateng la temo thuo mo kgaolong ya Kanye, Mme Kelebonye Bareeleng o tlhalositse fa lenaneo la Lemang Dijo le tlaa tswelela ka go abela balemi dithuso tse di lekaneng go lema selekanyo sa ekere e le nngwe.

Mogolwane o ne a tlhalosa fa lenaneo la Lemang Dijo le na le dikarolwana tsa go kabela, e leng go epa mahuti fa thoko ga dijwalo go thusa go tshegetsa metsi mo nakong ya tlhaelo ya pula. 

O ne a gakolola le go rotloetsa balemi ka mokgwa wa bogologolo wa go upa, a re ke mokgwa wa go sireletsa diji. E ne ya re go le pele mo potsolotsong le BOPA Mme Bareeleng a tlhalosa fa thobo ya ngwaga wa 2024 /2025 e ne ya nna ditone di le 4 214.10 gotswa mo selekanyong sa diekere di le 286.6, fa ka ngwaga wa 2025/2026 kgaolo ya Kanye e bonye ditone di le 1033.68 go tswa mo diekereng tse 2575.95. O supile fa bokete ja mmidi e nnile selekanyo sa ditone tse 823.40. 

Rre Khumoetsile Nkhumisang wa kgotla ya Taukobong mo Kanye, a lema kwa Masimong a kgaolo ya Dilokwana a re e re le tswa go kuetswe seemo sa elnino, pula e komakomile ka jalo ba solofela fa pula e tlaa nela balemi.

A re seemo sa bosa se dikile se amile temo a ba a tlatsa ka gore, balemi ba ba neng ba phakelela go baya tema ka kgwedi ya Phalane, dijwalo tsa teng di ne tsa kopana le mogote ka Hirikgong. 

A re go boammaaruri Bangwaketse ba lema mmidi mme e bile o bona kgakololo ya mogolwane kwa lephateng la dijwalo e lebanye gore go lemiwe mabele. A re ba ba neng ba beile tema kgwedi ya Hirikgong, ba ne ba tswa ka sengwe. 

“Mmidi ga o kgone go itshwarelela mo mogoteng. Mabele a kgona go itshwarelela mo letsatsing, a latelwa ke dinawa,”ga gakolola rre Nkhumisang.  

A re le fa seemo sa elnino se kuetswe, o bona fa seemo sa loapi se le botoka ka jaana pula e sa tswa go koma koma ka Phatwe.

Mme Agness Morekisi wa Masimo a Malau kwa Pelotshetlha o kopile gore go boelwe mo go epiweng disana le go teratela masimo go thusa ba ba dikobo di magetleng. A re sekgoreletsi sengwe ke go bo lephata la kaboditsha le le maoto a tshupa go thusa balemi ka ditlankana tsa masimo.   Mme Morekisi o kopile lephata la kabo ditsha go fefosa ditirelo a re go tlhokega ga ditlankana go kgoreletsa tswelelopele segolo jang fa go kopiwa dithuso tsa temo thuo. 

O tlhalositse fa a sa itumedisiwe ke gore go bo go lengwa tema e le nngwefela segolo jang mo thotloetsong ya temo ya mabele. 

A re mabele a tshabelelwa ke dinonyane mme poifo ke gore fa tema e le nngwe molemi a ka se salelwe ke sepe. A re tema tse tlhano di ne di le botoka mo go e nngwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Oct 2026