Breaking News

Kgosi Segotsi o bolokilwe

12 Oct 2026

Kgosi wa pele wa Mahalapye Kgosi Duncan Tsoebebe Segotsi o bolokilwe ka Matlhatso mo Mahalapye.

Kgosi Segotsi o tlhokafetse ka letsatsi la boipuso a le dingwaga di le masome a robabobedi le bobedi. O tshotswe kgwedi ya Moranang e tlhola gane ka ngwaga wa 1944 (kwa Serowe mo kgotleng ya Konyana. 

Kgosi Segotsi o tsene mo bogosing ka ngwaga wa 2000 e le Kgosi ya kgotla ya Konyana. Ka a ne a dira tiro ya gagwe ka botswerere le boineelo one a tlhatlosiwa maemo go ya kwa kgotleng e tona ya Mahalapye ka 2001, maemo a a tshwereng ka botswapelo mo lebakeng la dingwaga tse di masome a mabedi. 

Tona wa ditlhaeletsano le ditlhamo yo gape e leng mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre David Tshere o kaile fa Kgosi Segotsi e ne e le motho yoo bonolo. Rre Tshere a re o ithutile go le gontsi mo go ene nako e a neng a bereka le ene e le mopalamente. O tlhalositse fa ba latlhegetswe ke pilara.

Moemedi wa bana Rre Kabelo Segotsi o boletse fa rraagwe e ne e le motho yoo lerato mme e bile a re ba ithutile gole gontsi mo go ene. Rre Segotsi a re moswi o tlogela motlhala le motheo yo o nonofileng mo matshelong a bone, a tlhalosa fa a tlaa sala a tsweledisa fa rraagwe a tlogetseng teng.

Moemedi wa ditlogolo Mme Wame Mopedi a re Kgosi Segotsi e ne e le motho yo o boineelo, botho e bile a le mamu. A re ba akotse lerato la gagwe e le malome, a thiba diphatsa fa goneng go bulegile teng, a tlatsa ka gore Kgosi Segotsi o dirile karolo ya gagwe ya botsadi ka botswapelo. Kgosi o mogolwane wa Mahalapye Kgosi Tshipe Tshipe a re ba berekile mmogo le Kgosi Segotsi ka lerato ba tshwaragane go tsamaisa motse wa Mahalapye. A re Kgosi Segotsi one a le bonolo a rata batho.

Kgosi Segotsi o ne gape e le mogwebi e bile e le molemi morui. O ne a tsena no nyalong e e boitshepo le Mme Olebile Segotsi ka ngwaga wa 1986 Mme ba segofadiwa ka bana bale bane, banna ba le bararo le mosadi a le mongwe, bana ba bana ba supa le batsalwa le ene bale bane. O berekile kwa Red Cross ka ngwana wa 1968 fa e simolola go fitlhela a tlogela tiro ka bogodi ka 1990.

Kgosi Segotsi e ne e le motsadi yo go bolelwang a dirile go le go ntsi mo matshelong a banni ba Mahalapye. O tlaa gakologelwa ka boeteledipele jwa gagwe mo morafeng wa Mahalapye, ba lelwapa le masika. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mahalapye

Event : Phitlho

Date : 12 Oct 2026