Khansele e nonotsha tirisano mmogo
08 Oct 2026
Ngaka go tswa kwa kokelong ya Tsabong, Dr Kabelo Palalane o kgothaditse dingaka tsa setso mo kgaolong ya Werda go tshwaragana le tsa sesha go nonotsha go tlamela balwetse.
A re dingaka tsa setso di tshwanetse tsa rotloetsa balwetse go ikatumetsa kwa dikokelong a tlatsa ka gore go dira jalo go ka thusa go babalela matshelo nake e sa le teng.
O boletse seo kwa thuto-puisanyong e e eneng e rulagantswe ke khansele ya Tsabong bosheng a supa fa malwetse mangwe a le borai mme fa ba tshwaragane, ba ka gona go a fenya go ise go nne thari.
Thuto puisanyo eo, e ne e tshwere morago ga gore kgaolo ya Kgalagadi Borwa e kwadise dikgetsi sa letshololo tse di ntsi tse di amileng thata bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga botlhano.
Dr Palalane o tlhalositse fa ba gatisitse dikgetsi di le lesome le bobedi mme mo go tsone go nnile dintsho di le tlhano tse di bakilweng ke letshololo, khupelo ka jaana go belaesega fa batsadi ba ne ba nna maoto a tshupa go isa bana ko bongakeng.
Le fa go ntse jalo, dingaka tsa setso di ne tsa tlhatlhelelwa ka boitseanape jwa go thibela letshololo ba bo ba itsisiwe ka dikai tsa bolwetsi joo jaaka go kgwa, go tshabisega thata mme go felelang go dira gore ngwaga a felelwe ke metsi mo mmeleng, mogote o o feteletseng, go wela ga phogwana le matlho a wetse gareng tse dingwe.
O boletse fa ba itemogetse fa go tswa go o lo-we batsadi ba tshepa thata dingaka tsa setso, a re go dira jalo go na le kgonagalo ya gore bolwetse bo bifele pele mme a rotloetsa batsadi bona ba bongaka pele kwa dikokelong le dikokelwana.
E re ntswa go na le tlhaelo ya melemo lefatshe ka bophara, Dr Phalalane o boletse fa seemo se bepile ka jaana metswako ya letshololo yone e nna e le teng mo dikokelong le dikokelwana.
Fa ba tswa la bone, bangwe ba dingaka tsa setso ba supile fa ba tswa kgakala ba thusa Batswana go alafa malwetsi aa farologanyeng.
Le fa go ntse jalo, ba ne ba amogela kgakololo ka mabogo oo mabedi ba re ke boamamruri dipaka tsa gompieno di tlhoka gore ba tshwaragane le ba bongaka jwa segompieno kana baitseanape.
Mooki go tswa mo kokelwaneng ya Werda yoo itebagantseng le Banana, Rre Thusego Seleka o ne a tlhagisa dingaka tsa setso fa go senya boimana go sa letlelesege mo Botswana.
O ba kopile gore fa ba ka rakana le dikgang tsa mofuta oo, ba romele batho bao kwa dikokelong a tlatsa ka gore lephata la botsogo le itlamile go babalela setshaba gore go seka ga nna le dintsho dipe ka ntlha ya boimana.
Fa a itebeganya le bolwetse jwa kgotlholo e tona, Rre Seleka o supile fa batho ba le masome a mararro le bosupa ba le mo kalafing go simolola ka Moranang monongwaga go fitlha mo nakong eno. “Bontsi jwa batho bao ke borre mme se se itumedisang ke gore bolwetse jo bo a alefesega ebile bo ka thibelwa. Re lemogile gore bangwe balwetse ba itekodisa pele kwa dingakeng tsa setso mme ke rotloetsa gore ba ne bat la kwa dikokelong pele,’a gatelela jalo.
Batsena dipuisanyo ba ne ba rutwa gape ka dikai tsa bolwetse joo, ditlamorago le ka fa bo ka thibelwang ka teng.
Ba ne ba rutwa gape ka malwetse a tlhakanelo dikobo ka go ne go supagala fa balwetse ka bontsi bo inaakantse le ba bongaka jwa setso.
Mogolwane go tswa mo khanseleng, Rre Kesego Mosekiemang o boletse fa maikaelelo a dipuisanyo tseo e ne e le go nonotsha tirisano mmogo magareng ga dingaka tsa setso le tsa segompieno, go tokafatsa ditirelo tsa botsogo mo kgaolwaneng ya Werda e e akaretsang Werda,Makopong, Draihoek le Kokotsha.
Mogolwane wa baoki, Rre Cornelius Gaboeletswe go tswa mo kokelwaneng ya Werda o ne a Tallahassee fa balwetse ba ba mo kalafing ya di dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV ba le 996 mme ba ba di tlogetseng ba le 136.
A re maiteko a a dirwa go sala morago bao ba ba di tlogetseng.
O boletse gape fa ba kwadisetse batho ba le 63 ba ba mo lenaneong la PrEP le le sireletsang go ka tsenwa ke mogare mo go yo o senang one mme a gwetlha batsena bokopano jo go itlhatlhobela mogare wa HIV ka seo se ka thusa go bona ditlamelo tse di maleba nako e sa ntse e le teng. Mogokaganyi wa ditirelo tsa khansele a okametse kgaolwana ya Werda, Rre Benjamin Kabomo a re o dumela fa dithuto tse di buste dingaka tsa setso matlho e bile ba tlaa fetola ka fa ba ntseng ba dira ka teng go ya pele. O ba rotloeditse go tlhama mokgatlho o o tla ba kopanyang gore ba dire ba le seopo sengwe e bile lentswe la bone le utlwale sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Oct 2026





