Banni ba dumalana le mogopolo
07 Oct 2026
Banni ba Palapye ba dumalana le mogopolo wa gore sekole sa ithutelo ditiro tsa boranyane le boitseanape sa Botswana International University of Science and Technology (BIUST) se fetolwe leina go bitswa ka tautona wa pele, Dr Festus Mogae.
Ba buile jalo mo phuthegong ya therisano e buisiwa ke tona wa lephata la thuto e kgolwane, Rre Prince Maele ka Mosupologo.
Mongwe wa dibui kwa phuthegong eo, Kgosi Martha Lebang wa Palapye, o ne a supa fa Dr Mogae a diretse lefatshe leno ka bokgabane.
Kgosi Lebang a re ditiro tsa Dr Mogae di na le motlhala, di akaretsa go lwantsha segajaja sa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, selo se se neng sa boloka matshelo a ba le bantsi.
Ka jalo a re go botlhokwa go bo puso e supa keletso ya gore a lemogiwe jaaka mongwe wa ba ba diretseng lefatshe, ka jalo a sa tshwanela go lebalwa.
Kgosi Boretetse Ketlogetswe wa kgotla ya Madibana a re leina la ga Dr Mogae le na le motlhala o itsiweng ke mongwe le mongwe mme go le maleba gore a tlotlomadiwe.
Rre Dean Serumola fela jaaka dibui tse dingwe o ne a supa fa ba lebogela thulaganyo e puso e e tsereng ya go rerisanya le banni.
Rre Nonofo Botseka le ene o ne a iteela mafoko ao kobo moroko a supa fa mogopolo wa go fetola leina o le botlhokwa. A re kakanyo ya gore leina BIUST le ka fetolwa go nna Festus Mogae International University of Science and Technology.
Mo pegong ya gagwe, Rre Maele o tlhalositse fa a romilwe ke Tautona Advocate Duma Boko go tla go ba rerisa ka megopolo wa go fetola leina la BIUST, maikaelelo e le gopola le go tlotlomatsa ditiro tse di dirilweng ke tautona wa pele yo o tlhokafetseng, Dr Festus Gontebanye Mogae.
Rre Maele a re morero o tla akaretsa motse wa Serowe le kgaolo ya Tswapong Bokone ka bophara. A re puso e bonye go le botlhokwa go rerisa morafe mo go tseneletseng ka se ba se akantseng.
A re ba lemogile fa sekole sa BIUST e le nngwe ya ditiro tsa ditlhabololo tse di nang le tomagano le Dr Mogae. A re Dr Mogae o kile a nna mookamedi wa sekole sa BIUST.
Tona Maele a re Dr Mogae o dirile thata mo go tsa itsholelo ya lefatshe, gape o kile a nna mopalamente wa Palapye.
A re keletso ya puso ke gore go ntshiwe leina Botswana mme go tsenngwe la ga Dr Mogae ka jalo sekole se bitswe Festus Mogae International University of Science and Technology. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Oct 2026




