Breaking News

Balemi ba malala a laotswe

07 Oct 2026

Balemi ba metse ya Tshesebe le Sechele kwa kgaolong ya bokone botlhaba ba setse ba simolotse go baakanyetsa temo.

Kgosi Mosikari Sechele wa Sechele o tlhaloseditse BOPA fa e ne ya re kgwedi eno e tlhola ga ne ba bolotsa letsema kwa kgotleng kgolo ya Makaleng, go bulela paka ya temo.

O gakolotse balemi go agelala le go ntshafatsa magora le diterata tsa masimo, go itsa tshenyo e e ka bakiwang ke leruo.

Kgosi Sechele a re go na le terata e e kgaoganyang mafudiso le masimo, mme bangwe barui ba itlhokomolosa botlhokwa jwa go disetsa leruo la bone kwa mafudisong, a bo a kopa morafe go tsibogela go e baakanya.

O boletse fa paka ya temo e tshabelelwa ke kgotlhang fa gare ga beng ba dikgomo le balemi, a kgothatsa balemi go agelela masimo a bone fa barui bone a re ba tshwanelwa ke go disa le go tlhatlhela leruo.

Kwa Tshesebe gone, Kgosi Motlotlegi Kachana yo gape e leng moemedi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Ntlo Ya Dikgosi, o tlhalositse fa ba ise ba bolotse letsema, selo se se ka bong se setse se dirilwe.

A re bothata e nnile go tshwarwa ke ditiro tse dingwe tsa motse mme seo, se tlaa diragadiwa.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Kachana a re ga go kganele ba ba batlang go tshwara bokgola jwa pula tsa ntlha go baya tema.

Bobedi joo, so supile fa borukutlhi bo bepile kwa metseng ya bone.

Kgosi Kachana o rotloeditse morafe wa gagwe go tswelela ba itshwera sentle go fitlha le mo malatsing a go lebilweng kwa go o ne a go ipelela keresemose le ngwaga o mosha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : TSHESEBE

Event : Potsolotso

Date : 07 Oct 2026