Breaking News

E are go tlogelwa tsatsing

06 Oct 2026

Mopalamente wa Gaborone North, Rre Shawn Ntlhaile, a re go baakanngwa ga sekgele sa khilomethara ya tsela kwa kgaolong eo, ke sesupo sa tshwaragano le bokgoni jwa banni.

Fa a simolodisa tiro e e kgonagetseng ka P200 wa koleke ya malwapa a kgaolo, Rre Ntlhaile o supile fa banni ba tshwenngwa ke ditsela tse di emang metsi ka paka ya pula, fa nako e pula e seyong go nne lorole, mme se, se dire mosepele thata.

O ne a leboga maiteko a Baipelegi Road Development Committee, are ba supile botlhokwa jwa tshwaragano le go sa ipona tsapa go kopa dithuso mo go ba ba ikemetseng.

A re ga ba a emela ope gore a tle go ba thusa go baakanya dikgwetlho tsa bone, mme ga rena mowa wa boipelego o o supilweng ke mogwanto o o duelelwang, o ka one maikaelelo e neng ele go dira madi a go baakanyo ditsela. 

“Gompieno re bona maduo a maiteko a banni ka tshwaragano le Consortium Trito, ba ba ntshitseng dithuso go baakanya sekgele sa khilomethara ka tiriso ya motswako o o bopaganyang mmu gore o seka wa amiwa ke metsi mme wa nna lorole,” Rre Ntlhaile a gatelela.

A re ditiro tse di tshwanang le tse, ga se go rola puso boikarabelo jwa ditlhabololo tsa sennela-ruri, a tlhalosa fa puso e itse dikgwetlho tsa ditsela mo kgaolong ya Gaborone North, bogolo tsa lefatshe le e seng la puso. 

Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa baagi go tswelela ba bopagane, go tsweledisa mowa wa bodira-mmogo le go tlhokomela tsela e e dirwang go ba solegela molemo.

Rre Ntlhaile o ne a leboga Khato Civils e e golotseng didirisiwa go tswelela e thusa baagi ba Gaborone North. 

Modulasetilo wa komiti ya Baipelegi, Rre Mpho Sekokoane o supile fa ba dirisitse P100,000 go reka motswako o o bopaganyang mmu, mme ba dirisa P4,800 go gorosa motswako o o mo Gaborone go tswa South Africa.

A re ba rekile mmu wa lokgarapana ka bontlha bongwe jwa madi a ba neng ba a dirile ka mogwanto le fa khansele ya Gaborone e ne ya ntsha seabe ka go tsisa mmu wa lokgarapana.

Rre Sekokoane o ne a re Khato Civils e thusitse kwa ntle ga tuelo fa baitseanape ba tlhalositse gore motswako wa ditanka tse thataro o tlaa lekana tiro eo. 

Rre Abraham wa kgaolo ya Sebele e e akaretsang Gaborone North, a re ditsela tse di fa gare ga motse, ke tsa Gaborone City Council mme tsone ke sekgala sa dikhilomethara dile lesome le botlhano.

A re mo go sone sekgala seo, tiro ya tsela e tlogelela khansele dikhilomethara di le lesome le bone. O ne a rotloetsa baagi ba ba saletseng kwa morago go lnna le seabe mo tirong e.

“Khilomithara e le nngwe hela ga e a lekana fa o lebelela sekgele se se salang sa tsela. Re kopa bagwebi go tla ka dithuso gore ditsela tsa Gaborone North, di tshwane le tse dingwe tse di mo Gaborone,” Rre Abraham a kopa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gontle Merafhe

Location : Gaborone

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Oct 2026