Khama o kopa banni go tswa ka metlhale ya go tlhama ditiro
06 Oct 2026
Kgosi Khama IV o rotloeditse banni ba Mahalapye go tshwaragana le go dira dilo tse di ka tlhamang ditiro.
Kgosi Khama IV o buile jalo fa a buisa phuthego ya Kgotla kwa Mahalapye ka Labotlhano e a neng a rolela banni ba Mahalapye mogopolo wa go dira GaMmangwato Multi-Purpose Cooperative Society, ga mmogo le GaMmangwato SACCOS.
A re makeable a koporase e ke go kopanya morafe wa GaMmangwato ka lorato le kutlwano le go lwantsha letlhoko la ditiro.
Kgosi Khama IV o boletse fa lenaneo le la go dira koporase ya le semolositswe kwa Serowe bosheng.
A re morafe o tshwanetse wa thusa puso go tlhama ditiro ke ka moo go tlhamilweng dikomiti go itebaganya le tiro e.
Ka jalo Kgosi Khama o ne a kopa ba GaMmangwato mo Mahalapye go nna bontlha bongwe jwa koporase e ka ele tsela ngwe ya go ipelega.
A re maikaelelo a koporase e ke go kgobokanya madi le go dira dithoto tse di tlaa rekisiwang mo lefatsheng la Botswana le kwa mafatsheng a sele ka thulaganyo le ba Botswana Exporters and Manufactures Association.
Thulaganyo e go ya ka Kgosi Khama e tlaa bo e dirwa ka tshwaragano le lephata la tsa kgwebo le dikoporase.
“Mikaelelo a mangwe gape ke go dira dikgwebo tsa bojanala kwa kgaolong jaaka di park tse di kgonang go tlhama ditiro di le dintsi,” o ne a tlhalosa jaana.
Modulasitilo wa Gammangwato Industrial Development Committee, Rre Bonang Morapedi a re toro ya koporase e ka kgonagala fela fa morafe o bopagane.
Rre Morapedi a re e le komiti ba ne ba ile kwa lefatsheng la India go tsaya malebela kwa go supileng fa tshwaragano ya morafe ele botlhokwa mo go atlegeng ga lenaneo le.
Ka jalo o ba kopile go tsaya tsia dikgakololo tsa ga Kgosi Khama tse a reng di bootlicker thata.
Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o ne a leboga Kgosi Khama IV ka mogopolo o montle wa go tlhama koporase.
Rre There yo gape a leng Tona wa ditlhaeletsano le botlhami o boletse fa dikoporase le di Trust di le botlhokwa ka di thusa go dira ditlhabololo tse di ka fetolang selebego sa motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Oct 2026





