Ba rotloetsa mowa boipelego le tshwaragano
05 Oct 2026
Dikgosi tsa metse ka go farologana ba supa gore meletlo ya letsatsi la boipuso e tshwanetse ya dirisiwa go tsosolosa mowa wa boipelego le go rotloetsa tshwaragano.
Mo potsolotsong morago ga go keteka letsatsi la boipuso jwa bo masome marataro, magosi ba tlhalositse fa gole botlhokwa go dirisa letsatsi go ikgakologelwa le go tsweledisa tse di tlaa thusang setshaba go bona tswelelopele.
Kgosi Keabetswe Molefe wa Mokatse a re letsatsi la boipuso le ne le ipelelwa ka dijo le dino mme o natefisiwa ke badiragatsi ka go farologana go akaretsa dikopelo tsa sekgatla, poko le metshameko.
“Letsatsi la rona le tsamaile sentle Bakgatla ba Mokatse ba ne ba tsibogetse letsatsi la boipuso ka dipalo tse di kalo, go le gontle thata. Re le itumeletse fela thata, re tswa go phatlhalala kwa kgotleng letsatsi le phirima,” ga tlhalosa Kgosi Molefe.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Molefe a re o rotloetsa Batswana go tswelela ba tshwaraganye, ba itirela go tokafatsa matshelo le botsogo jwa bone gore lefatshe le kgone go ipelela dingwaga tse dingwe gape tse di masome marataro.
A re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a ithaope, a dirise bokgoni jwa gagwe go thusa lefatshe go tswelela pele le go inola ba bangwe mo manokonokong a lehuma.
Kwa Bokaa, Kgosi Sue Mosinyi a re le fa pula e ne e tshologa, ba jele boipuso jo bo monate.
Kgosi Mosinyi a re thulaganyo ya letsatsi la Boipuso e ne e eteletswe pele ke balekane ba Botswana, a tlatsa ka gore morafe wa Bakaa o ne o tshologetse kwa kgotleng ka dipalo tse di kgotsofatsang.
Kgosi Mosinyi o akgoletse puso, baithaopi le dikhamphani seabe sa go tlhomamisa katlego ya moletlo wa boipuso.
“Re ne re ipelela diphenyo tsa dikgwetlho tse re nnileng le tsone re le tshaba ya Botswana,” ga bua Kgosi Mosinyi.
Kgosi Fanuel Mokalake wa Modipane o leboga morafe go nna le seabe se se nonofileng mo rulaganyetseng moletlo wa boipuso.
“Re sale re simolotse motseletsele wa go keteka Boipuso, Lwetse a le 26 ka go ya go tshuba molelo wa Boipuso kwa godimo ga lentswe la Modipe. Ke ne ke tsamaile le borre ba le masome a mabedi. Go ya ka ditso, lentswe le, le na le sedimo se setona thata. Re palame ka nako ya boroba bobedi maitseboa mme ya re ka makuku a naka tsa kgomo tsa kgomo re bo re e fologa,” ga bua Kgosi Mokalake.
Kgosi Mokalake a re bana ba kgwale ba ba bitsana ka molodi, ka jalo a re go botlhokwa gore morafe o tshwaragana go thusana dikgwetlho tsa botshelo.
“A re tsweleleng ka mowa wa therisanyo gore re kgone go tsweledisa go tlhabolola motse wa Modipane re ikaegile thata ka molao le go rapela Modimo ka dipelo tse di edileng,” ga bua Mokalake.
Mothusa Kgosi wa Letlhakeng, Tumelo Puleng, a re morafe wa gagwe o ne o ipaakanyeditse letsatsi la Boipuso ka botswapelo.
Kgosi Puleng a re kgotla e ne e tletse go sena fa motho a ka tsenyang leoto teng, seo se sesupa fa mongwe le mongwe a ne a tlhaloganya botlhokwa jwa ipela ka tshwaragano.
Kgosi Puleng a re ke boamaruri gore mokete o bonwa ka dipitsa tsa nama go tshutshuma, ka jalo ba itumeletse gore puso e ile ya ba segofatsa ka go ba tlhabela dipitse tsa naga, mokete nnile o mogolo go na le letswainyana.
O gateletse gore seabe sa badiragatsi se dirile moletlo wa Boipuso e nne wa maemo a kwa godimo, le gore seemo seo se ne sa ngokela botlhe mo kgotleng, ngwana le mogolo.
O tsweletse a re go baakanyetsa moletlo wa Boipuso ka mowa wa boitlhaopo ke sesupo sa gore Batswana ba sanstee ba le tlhaga go itirela ba tshwaraganye, ka jalo seo ke tsholofelo ya bokamoso jo bo nonofileng, bo dirwa ke batho ba ipelega.
“Go ya pele re tshwanetse re lemoge gore lefatshe le ya kae. Jaaka re ntse re tlhagelwa ke dibetso tsa tlholego jaana, re tshwanetse gore re akanye gabedi re ipotse gore re tla itirela eng fa itsholelo e ka tswelela ka go koafala, re tla tshela jang. Ga ke eletse go bona seemo se re tshabelang kwa mafatsheng a mangwe jaaka re bona baditshaba ba tshabela kwano,” Kgosi Puleng a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 05 Oct 2026





