Breaking News

Radio Botswana e ipela le Lobatse

01 Oct 2026

Lobatse ke toropo e e humileng ditso ka jaana e le yone e ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana di simologetseng mo go yone.

Ratoropo wa Lobatse, Rre Aaron Ganakgomo o boletse seo kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba seromamowa sa Botswana jaaka ba ne ba wetsa metseletsele ya kgaso e le tsela ya go ipelela dingwaga tse di masome a marataro seromamowa seo se ntse se le teng.

O supile fa ditlhabololo ka bontsi di akaretsa seromamowa, tsela ya sekonotere ga mmogo le palamente di simolotse kwa Lobatse.

A tlatsa ka gore ba ipelahatsa ka gore go ribolotswe buka ya ditso tsa Lobatse.

Mogolwane wa seromamowa sa Botswana, Mme Mosetsanagape Maribe, o tlhalositse fa e le katlego e tona gore seromamowa seo se bo se digela dingwaga tse di masome a marataro se ntse se le teng e bile se tshegeditse moono wa sone wa go aga le go tshwaraganya setshaba le go anamisa melaetsa ya botlhokwa.

A re e re le ntswa dilo di fetoga,, ba lebogela gore seromamowa se bo se godile e bile Batswana ka kakaretso ba kgatlhegela go se reetsa ka dinako tsotlhe.

“Seromamowa se godile thata e bile se ikadile lefatshe ka bophara. Le rona re setse re dirisa maranyane a a kwa godimo go gasa mme re kgonne seo ka thotloetso ya Batswana ka kakaretso,” a tlatsa jalo.

Mongwe wa bagasi ba pele, Mme Banyana Segwe yo o simolotseng go dira mo seromamoweng ka ngwaga wa 1975, o ne a lebogela go lemogiwa, a re seo se mo dira motlotlo tota mo temeng e a e sigileng go direla lefatshe leno.

O tlhalosiste fa ene le badiri ka ene ba pele, ba diretse seromamowa ka dinako tse di thata go sena ditsompelo, mme ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go kgotsogatsa Batswana. 

A re se se mo itumedisang ke gore Batswana ba tswa kgagakala ba akgolela babereki tiro e ntle e ba e dirang.

Mme Segwe a re ka nako eo seromamowa se ne se remeletse kwa Lobatse.  Bangwe ba bagasi ba pele ba ba neng ba le kwa bokopanong joo ba akaretsa Mme Esther Kanaimba-Senai, Charity Santagane le Rre Mogatusi Kwapa yo o neng a lebogela go bo ba akareditswe mo tirong eo.BOKUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Seromamowa sa Botswana

Date : 01 Oct 2026