Itshidilo mmele e thusa go thibela malwetse
01 Oct 2026
Le fa diphetogo tse di tlang le ditlhabololo tsa segompieno di tlhofofaditse matshelo a batho, go lebega se, se kgoreletsa bangwe go itshidila mebele, ka jalo ba tshabelelwe ke malwetse a a sa tshelanweng.
Mothusa mokwaledi kwa lephateng la metshameko le bodiragatsi, Mme Boineelo Hardy, o buile jalo bosheng kwa Lobatse jaaka banni ba toropo eo ba ne ba inaakantse le itshidilo mmele go keteka letsatsi la mafatshefatshe le le rotloetsang batho go tsaya mesepele ka dinao.
Mme Hardy yoo neng a eteletse mogwanto wa dikhilomethara tse tlhano, a re metlha e fetogile, tiriso ya maranyane le dipalangwa di ile magoletsa, ka jalo ditiro tse di neng di dirwa ka diatla le mesepele e e neng e tsewa ka dinao e thusa batho go itshidila di fokotsegile.
Ka jalo, Mme Hardy a re seemo se, se rotloetsa kgonagalo ya go tsenwa ke malwetsi a a sa tshelanweng jaaka madi a matona, sukiri, malwetsi a pelo le go nna le mmele o motona.
A re mogwanto wa go rotloetsa batho go itshidila o tshwarwa ngwaga le ngwaga lefatshe ka bophara ka thotoetso ya lekgotla la The Association For International Sports for All (TAFISA) ba tshwaragane le ba Botswana National Sports Council (BNSC) le ba African Union Sports Council (AUSC) Region 5, go tsibosa setshaba ka botlhokwa jwa go itshidila mmele le go supa ka fa metshameko e ka thusang ka teng go lwantsha malwetse a a sa tshelanweng.
O kgothaditse botlhe go itshidila mmele le go dira sepe fela se se ka nnang bontlha bongwe jwa go itshidila mmele gore ba nne ba itekanetse.
Mme Hardy a re go tsamaya ka dinao go botlhokwa ka go kopanya batho, go lapolosa tlhaloganyo le gone go nna le sebaka sa go akola bontle jwa tlhago.
Kgosi Tebogo Kemoabe wa Peleng kwa Lobatse, a re go botlhokwa go itlwaetsa go tsamaya ka dinao ka e le tsela nngwe ya go itshidila mmele.
O rotloeditse banni ba Lobatse go tsaya karolo mo ditirong tsa mofuta o ka dipalo tse di kwa godimo ka di rotloetsa botsogo le boitekanelo.
Mokhanselara wa kgaolo ya Thema/Motswedi, Rre Velem Heii a re go tsamaya ka dinao ke mokgwa wa go itshidila mmele o o sa tureng e bile o le motlhofo go o dira.
Rre Heii o gateletse botlhokwa jwa go itshidila ka nako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Itshidilo mmele
Date : 01 Oct 2026






