Breaking News

Ba kopa puso go tlhabolola ditsela tsa masimo

01 Oct 2026

Batsena moletlo wa boipuso kwa kgotleng kgolo ya GaNgwaketse ba kopile puso go tlhatlosa megopolo le go tsenya leitlho mo tlhabololong ya ditsela tsa kwa dijo tsa lefatshe di tswang teng; tsa masimo le meraka.

 Rre Edison Tshukudu wa kgotla ya kgosing a re masimo le meraka ke mafelo a a tlhokang go tlhabologa gore temo, theko le thekiso ya di-tswa temong le thuo di tle di dirwe motlhofo.

Rre Tshukudu a re o eletsa gore letlhoko la metsi wa kanye le potlakelwe ka jaana motse o setse o godileng thata o na le dikgotlana tse disha jaaka Pitsaneng, Losabanyana le Mhiko tse ditlhokang go tlamelwa ka metsi.

O tsweletse ka go re o lemoga fa kgwetlho ya letlhoko la letseno la madi mo malwapeng e emeleditse bomme go dira dikgwebo.

A re le ntswa bomme ba iteka, go lemotshega fa ba le bantsi ba ba rekisa dithoto di le dingwe e bile ba rekisetsa fa lefelong le le lengwe.  

Rre Tshukudu a re gore ba fithelele le gone go itsetsepela kgatlhanong le letlhoko la madi le ditiro ke gore ba lemoge botlhokwa le magokonyane a go rekisa tse dipharologanyo go tila go sa dira sentle kwa thekisong.

Mme Ontehetse Gofhamodimo wa kgotla ya Mokuete a re o lemoga maiteko a a dirilweng go tlhabolola Batswana mo dingwageng a re maiteko a sirwa ke phoso ya go neela meamuso ya lefatshe mo matshelong a a senang boikarabelo. 

Mme Gofhamodimo a re go ntsha mananeo a puso le meamuso ntle le go sekaseka boleng le bokgoni jwa yo o di amogelang go busetsa maiteko a puso a ditlhabololo morago . 

A re selo se, se paledisa go ungwa ga maiteko a puso e a jwalang mo setshabeng go tlisa diphetogo le thabologo mo matshelong a Batswana.

O kgadile tshenyetso setshaba a re ke mmolai mogolo wa itsholelo le meamuso ya setshaba, mme a gatelela gore puso e beeletse thata go batla baitsayanape ba ditlhotlhomiso go thusa go e lwantsha.

A re kgokgontsho ya batsadi e e bakiwang ke bana mo malwapeng e tshwenya fela thata. 

O kgadile batsadi ba ba bipang mpa ka mabele a re ba imetsa lefatshe ka go rotloetsa katlego ya boitshwaro jo bosa tsoseng setshaba a ba a kua mokgosi gore batsadi ba eme kgatlhanong lese ka go kgalema.

O rotloeditse gore ba itsetsepele thata kgatlhanong le kgwetlho ya kgokgontsho ka kgalemo e e mashetla le go tshwaraganela bana go tsweledisa kago ya ngwana

Mme Gofhamodimo o ne a tlatsa ka gore se, se tlaa dibela ledula la kagiso ya setshaba kwa malwapeng le mo setshabeng ka kakaretso. O kopile puso go sekaseka go tseela kgato batsadi ba ba tlhokang boikarabelo mo kgodisong le kgalemo ya bana.

A re go amoganwa ga puso go sena dintwa, go itumedisitse ba ba le bantsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : MOLETLO

Date : 01 Oct 2026