Breaking News

Bakwena ba ipelela boipuso

30 Sep 2026

Le fa seemo sa bosa se sa iketla ntateng ya serame le mosarasarane wa pula, Bakwena ba ne ba seka ba ipona tsapa go tla go ipelela Boipuso mo kgotleng kwa Molepolole.

Fa amogela Bakwena kwa kgotleng, Kgosi Kgari Sechele III a re go ipusa go supa boikarabelo jo bo tserweng ke mabutswapele gore Batswana ba tshele ka kagiso.

Ka jalo, Kgosi Kgari III o gakolotse Bakwena go ipela ka boitumelo, kagiso le thokgamo.

O gateletse gore mekgwa ya tshokamo e ka busetsa morago maiteko a dirwang kgotsa a dirilweng gore Botswana a tswelele ka kagiso.

Mopalamente wa Molepolole South, Rre Shima Monageng o lebogetse maiteko a puso le botlhe ba ba nnileng le seabe gore Bakwena ba kgone go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome marataro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Molepolole

Event : Boipuso

Date : 30 Sep 2026