Breaking News

Ratoropo o tlaa fnaya ba-na-le bogole dieetsele

28 Sep 2026

Bangwe ba-na-le bogole ba Selebi Phikwe ba tlaa fiwa dietsele ka go farologana, se e le nngwe tsela ya go lemoga seabe sa bone mo mererong ya go tlhabolola Selebi Phikwe fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso ka 1966.

Se se builwe ke molaodi wa Selebi Phikwe, Mme Boikhutso Matenge, kwa bokopanong jo bo neng bo tlhalosa tse boeteledipele jwa Selebi Phikwe bo di dirang go ipaakanyetsa go keteka boipuso jwa dingwaga tse di masome a marataro ka Laboraro.

Mme Matenge o tlhalositse fa dietsele tseo e le seabe se ratoropo, Rre Oageng Makgosa a se dirang go leboga botlhe ba ba tsweletseng ka go nna le seabe ka ditsela tse di farologaneng go ka thusa go tlhabolola toropo eo.

A re go akaretsa ba-na-le bogole mo kabong ya dieetsele ke go supa fa le bone dikakanyo le ditirelo tse ba di ntshang di tsewa ka tlhwaafalo, a re seo e bile se tlaa supa mowa wa popagano o lefatshe leno le tswang goo-lowe le o tshegeditse e bile le o diragatsa.

Mme Matenge a re go tsaya batho ka tekatekano go sa kgathalesege seemo kgotsa dipopego tsa bone, ke sengwe se puso e se rotloetsang e bile e se tsaya ka tlhwaafalo.

Fa a tswa lagagwe, ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Makgosa a re dieetsele tse a tlaa di fang batho ba ba nnileng le seabe mo go tlhabololeng toropo eo, ga se sepe se se amanang le sepolotiki, a re go botlhokwa gore batho ba ba dirang ka natla ba lebogiwe ka fa tshwanelong go seegetswe dikgang tsa polotiki fa thoko.

Rre Makgosa o tlhalositse gore e re ntswa madi a go keteka boipuso a se kalo, se se kgatlhisang ke gore ba-na-le seabe ka go faologana ba dira ka gotlhe gore moletlo wa go ipelela masome a marataro lefatshe leno le ipusa o atlege e bile o sale mo dipelong tsa setshaba.

A re Selebi Phikwe e filwe P300,000 yo o tlaa kgaoganngwang ka dikgaolo tsa botlhopi tse pedi, se se fe kgaolo nngwe le nngwe P150,000.

Godimo ga moo, a re khansele ya Selebi Phikwe e tlaa fa kgotla nngwe le nngwe ya toropo eo P8,000, fa e e tlaa bong e tshegeditse moletlo e tlaa fiwa P10,000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego

Date : 28 Sep 2026