Breaking News

Lobatse o tlhabolola matlotlo a ditso

28 Sep 2026

Lobatse o inaakantse le go tlhabolola matlotlo a ditso le di-tsa tlholego e le tsela nngwe ya go tsaya karolo mo kabakanyong itsholelo ya lefatshe, go tlhama ditiro le go oketsa letseno.

Se, se builwe ke mothusa-mokwaledi wa khansele ya Lobatse yo o eteletseng pele ditogamaano, Mme Nonofo Tsedi mo puisanyong le morulaganyi wa Seromamowa Sa Botswana Rre Michael Kaote ka Labotlhano kwa Lobatse ka nako e Seromamowa Sa Botswana se neng se ipelela dingwaga tse di masome a maratoro se sena go simolodisiwa.

Mme Tsedi a re toropo eo e gatetse pele go tsosolosa itsholelo ka go ribolola matlotlo a ditso mme mo nakong eno ba setse ba simolotse go di tlhabolola gore e re mo nakong e e tlang, di kgone go direla toropo letseno. 

O supile fa seo e le nngwe tselana ya go kabakanya itsholelo ya toropo eo le go fetlhela banana mebereko. A re bogogi jwa toropo bo mo lenaneong la gore setshaba se tseye taolo ya go tlhabolola itsholelo ya lefatshe ka go laola matlotlo a a fitlhelwang fa ba leng teng.

O boletse gore toropo eo e na le mehama e e farologanyeng ya itsholelo mme bontsi jwa bagwebi ba itebagantse le thekiso ya dithoto. 

Mme Tsedi o boletse fa go dirwa ga dithoto go bonala mo toropong mme go santse go le kwa tlase, a supa fa ba ba leng teng e le ba madirelo a ditena ba Lobatse Clay Works, ba ba dirang megala ya motlakase ya dikoloi ba Delta Automotives, ba ba dirang tse di amanang le mealo ya bodilo jwa Tile Mate, le madirelo a matlhabelo a nama ya kgomo a Botswana Meat Commission e e leng yone e tshwereng itsholelo ya toropo eo.

Gape a re ba ikaelela go tsosolosa mohama wa go ntsha dithoto, a supa jalo gore mo nakong eno go agiwa madirelo a matona a a sugang le go ntsha dithoto tsa matlalo. 

Godimo ga seo, a re puso e tsweletse ka go tlhabolola mohama wa mashi ka go reka dikgomo tsa mashi tsa boleng jo bo kwa godimo le go rekisa di-tswa mashing kwa Milk Valley Farm.

Mme Tsedi o ne a supa gore Lobatse Clay Works ga e sa tlhole e dira ditena tse di agang dikago fela, mme jaanong ba itebagantse le go ntsha ditena tse di agang ditsela go fokotsa selekanyo se lefatshe le di rekang kwa ntle ka sone. 

A re go na le khamphani e kgolo ya FloTek e e gwebang ka tsotlhe tse di dirwang ka polaseteke go akarediwa le diphaephe mme ba aname le kgaolo ya borwa jwa Afrika.

Molomaganya ditirelo tsa The Botswana Society Mme Bono Mmusi, o gateletse gore ba ikaelela go tlhabolola matlotlo a ditso le go rutuntsha banana go itirela letseno ka go nna bakaedi ba ba nonofileng ba bojanala.  

Mme Mmusi a re mo nakong eno ba setse ba ribolotse e bile ba tshwaile mafelo otlhe a a nang le matlotlo a ditso kwa Lobatse (Lobatse Heritage Trail). 

Ka jalo a re ba ikaelela go bereka le ba komiti ya ditlhabololo gore ba kgone go itirela letseno ka yone le gone go lomagana le bagwebi le makalana a a farologaneng go tsaya karolo go tlhabolola matlotlo ao. 

Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa Cumberland Hotel Rre Suzane Baile, a re lefelo leo la borobasogo le agilwe ka 1962 mme le tsweletse ka go supa kgolo ka gore le simolotse ka maroko a le masome a mabedi le bongwe mme jaanong a oketsegile go nna masome a mane.

Rre Baile o ne a tlhalosa gore lefelo leo le humile ditso ka gore le amogetse baeteledipele ba le bantsi jaaka botautona ba pele go akarediwa Sir Seretse Khama, Sir Ketumile Masire, le Rre Robert Mugabe wa Zimbabwe. 

A re ba santse ba somaretse ditso tsa lefelo leo ka gore ba santse ba na le kago ya bogologolo le setlhare se se saleng se jwalwa ka 1964.   

Mogwebi kwa toropong eo Rre Solomon Diphoko, a re go botlhokwa gore molapo wa Peleng o okediwe o bo o dirwe lefelo la itloso bodutu le le ka tlhamang ditiro ka go ngoka bajanala.

Mogwebi Rre Tumelo Sedirwa yo o simolodisitseng madirelo a Tile Mate a re madirelo ao a simologile ka ngwaga wa 2020 mme a tsweletse ka go supa kgolo ka gore bosheng, ba sa tswa go atolosa ditirelo tsa bone ka go dira pente ya Topaz Paints, e e setseng e tsene mo mmarakeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Puisano le sechaba

Date : 28 Sep 2026