Breaking News

Balekana ba Botswaba ba gopola paka tsa maloba

24 Sep 2026

‘Metlha ga se ya maloba’, ke puo e e dirisiwang thata gompieno mme fa go na le bangwe ba ba ka pakang se, ke Balekane ba Botswana, bomme le borre ba ba tshotsweng ka 1966. 

Ba supa fa mo malobeng botshelo bo ne bo tobetsega, dilo di le bonolo ntateng ya boipelego, kutlwano le tirisano mmogo, tse di neng di rena.

Bangwe ba tlhalosa se se pharologanyo, gore botshelo bo ne bo le thata fa go tshwantshanngwa le gompieno ka ditlhabololo di ne di le boutsana.  Kwa Lobatse, Mme Kereng Motladile, wa kgotla ya Newlook/Maipei, o tlhalosa fa erile a fatlhago, botshelo bo ne bo tobetsega ka batho ba ne ba ipelega jaaka ka nako ya Boipuso, banni ba ne ba sa ikaege ka puso, ba ne ba tlhaloganya gore letsatsi leo le raya eng mo go bone.

 “Mowa wa boipelego ke nngwe ya dipinagare tse lefatshse leno le ipelang ka tsone ka jaana o ne o rotloetsa tshwaragano, lorato le tirisano ya morafe. Gompieno botshelo bo thata ka malwapa a etibile ka bo o ne,” Mme Motladile a supa.

A re batsadi ba bone ba ne ba tlhaloganya mosola wa thuto mme gape, ba ba ruta magokonyane a botshelo. 

Mme Nkagisang Matebele kwa Maubelo a re ditlhabololo di ne di le boutsana mme botshelo bo ne bo relela fela. 

A re banni ba ne ba nwa mo megobeng, go sena ditsela le fa e le dipalamo jaaka gompieno mme mo tsamaong, ba simolola go bona ditlhabololo di tla, go agiwa dikole, dikokelwana, ditsela, morafe o kgona go ikgokelela metsi mo malwapeng.

O tlhalositse fa ba ne ba ikagegile thata ka temo thuo, go sena malwetsi a mantsi jaaka gompieno. 

Rre Omphemetse Metswi kwa Phepheng, gaufi le Draaihoek Kgalagadi Borwa, ene a re botshelo bo ne bo le bokete, batsadi ba bone ba ba godisa ka dijo tse ba di lemileng, dibapalwa nageng le nama ya diphologolo ka dijo e ne e se ntletsetletse jaaka gompieno.

A re borotho ba ne ba bo ja fela ka Keresemose le ngwaga o mosha. 

Rre Metswi a re sepalamo go ne go tlotlilwe dikotsekara tsa ditonki le dipitse kwa kgaolong.  

A re ba ne ba godisiwa thata ke bomme ka borre ba ne ba berekela kwa meepong kwa South Africa fa bangwe ba ne ba bereka mo dipolasing tsa batho basweu mme, ba itse botlhokwa jwa lelwapa ka ba ne ba tshetsa malwapa a bone.

Rre Tshireletso Monyere yo tlholegang kwa Gabane mme e le monni wa Maun ka pereko a re mo malobeng, losika lo ne lo tshwaragane. 

O kaile fa a godisitswe ke nkukuagwe, yo a mo rutileng go itshetsa. 

A re nako e ntsi ba ne ba nna kwa masimo, kwa a neng a rutiwa go gama le go lema mme ya re ka 1976 ba fudugela gae ka a ne a ya go simolola sekole. 

Rre Monyere a re o tsene sekole go fitlha a ya kwa mmadikole.

Ka nako eo, a re go bona tiro go ne go sa sokodise. “Ditiro e ne e le ntletsetletse, re ne re se bo motlhopha ntsi jaaka bana ba gompieno. 

Tota rona re ne re dumela gore sepe se se ka go fang madi a go itshetsha, o tshwanetse wa se ngaparela le go se dira ka botswapelo. Ke ka moo re kgonneng go bereka re sa sokala,” Rre Monyere a supa.

A re le ba ba neng ba bereka e le baphepafatsi, gompieno ba tshela sentle ka ba ne ba itse tiriso ya madi. 

Kwa Francistown, Rre Bampeile Sehube, yo o tlholegang kwa Nata, o tlhalositse fa go fatlhogeng ga gagwe, botshelo bo ne bo le monate.

Rre Sehube a re o goletse kwa morakeng wa Xlamkhwai, kwa a ithutileng dilo di le dintsi tsa botshelo. “Ntatemogolo e ne e le molemi morui yo motona, a na le dikgomo, dipudi, dipitse le dinku. Re goletse ka fa tlase ga molao o o gagametseng, re reetsa batsadi. 

Dilo ne di le motlhofo go bonala ka jaana mowa wa tirisano le therisano e ne e rena,” Rre Sehube a supa.

A re baagisanyi ba ne ba itse gore matlo go sha mabapi, ba thusana ka lorato.  “E ne e re lo feletswe ke dijo, lo tsena ka fa mabapi go kopa bopi jwa mabele,” Rre Sehube a tlhalosa, a bo a gatelela fa boipelego le kutlwano di agile Botswana. 

Rre Sehube a re ka ba ne ba disa, ba ba simolotse sekole ba setse ba godile. A re ene o simoletse lokwalo lwa ntlha a le dingwaga di le lesome le bongwe mme a tsena le bangwe ba ba golwane mo go ene. 

O gakologelwa gore tiro e ne e le motlhofo go bonwa a re, o ne a tswa kwa Nata a ya go batla tiro ko Gaborone mme ka a ne a ratile seromamowa sa Botswana, a tlhamalela kwa di ofising tsa teng mme ka lesego a kopiwa go tla potsolotso (interview) letsatsi le le latelang. 

A re o ne a dira sentle, a hirwa go fitlhela a tlogela ka bogodi monongwaga. 

Fa a tshwantsanya botshelo jwa bogologolo le gompieno, a re go na le pharologanyo e tona mme o eletsa gore dikokomane tse di tlang, di gate mo motlhaleng wa bone o o direleng gore Botswana e nne sekgantshwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 24 Sep 2026