Breaking News

Ba kopile puso go tsibogela tsela ya Tubu-Gumare

24 Sep 2026

Kgosi Ithopheleng Xhiywa wa motse wa Tubu o kopile puso go tsibogela seemo sa tsela ya Tubu-Gumare. O ntshitse kopo eo ka Labobedi jaaka badirelapuso le makalana a mangwe ka go farologana mo kgaolong ya Okavango ba ne ikopantse go isa ditirelo kwa motseng wa Tubu.

Kgosi Xhiywa a re tsela eo ya lekgarapana e tlhoka go gopiwa kgapetsa kgapetsa gore e tsamaege. Sengwe sa tse di tshwenyang Kgosi Xhiywa ke gore mabitla a motse a hupeditswe ke sekgwa se se tlhokang go henosiwa. 

Le fa go ntse jalo, banni ba motse wa Tubu ba lebogetse lenaneo la go isa ditirelo ko setshabeng.

Kgosi Xhiywa a re lenaneo leo, le thusa banni go bona ditirelo gaufi le bone, mo maphateng le makalaneng a a farolognyeng, seemo se se bolokang nako le ditshenyegelo tsa go latela ditirelo kwa motseng wa Gumare.

Monni mongwe wa motse wa Tubu, Mme Gaothophe Mabe a re o lebogela lenaneo leo ebile a re ba eletsa go ka dirwa jalo gangwe le gape. Mme Mabe a re sebe sa phiri ke gore makalana mangwe a ba neng ba tlhoka thuso ya one, a ne a seyo. Mme Ontiretse Sarefo a re go dira jaana go thusa ba ba ntseng ba sa kgone go latela diofisi ko Gumare. 

Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Okavango, Rre Michael Israel a re maikaelelo a letsatsi le, ke go tsisa ditirelo tsa maphata le makalana a a farologanyeng kwa bathong ba metse e go zenana diofisi teng. Rre Israel o ne gape a re seo se tokafatsa ditirelo ka badiredi ba utlwa letlhoko le dingongora tsa badirisi gone foo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Tubu

Event : PHUTHEGO

Date : 24 Sep 2026