Breaking News

Khan o rotloetsa dikgwebo go abelana dikatso

23 Sep 2026

Mopalamente wa Molepolole North, Rre Arafat Khan o akgoletse ba lebentlele la Choppies mowa wa go neela ba ba tlhokileng lesego. 

Rre Khan o buile se bosheng, fa a ne a rolela ba le lelwapa loo-rra-Keobale ntlo kwa kgotleng ya Mankgwenyane kwa Molepolole, ee agilweng ke Choppies.

A re kago ya ntlo eo, e tla morago ga gore mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Outlwile Mosweunyane a mo begele fa boo-rra-Keobale ba tlhoka go thusiwa ka bonno jo bo sireletsegileng.

“E rile ngwaga o simolola ke bo ke itshwaraganya le mookamedi wa Choppies, Rre Ramachandran Ottapathu, mme a tshepisa gore e tlaare ka kgwedi ya Phukwi mono ngwaga kago e bo e simolola. 

Ke leboga ba Choppies go menagane ka gore ntlo e ke ya boraro mo kgaolong yame e ntse agiwa ke bone,” ga tlhalosa Rre Khan.

Rre Khan a re ntlo ya ntlha e agilwe kwa kgotleng ya Magokotswane, ya bobedi e kwa kgaolong ya Borakalalo.

“Ke solofela fa Choppies e tla nna e ntse e thusa ka go aga matlo a mangwe. Ka kgwedi ya Phalane re tlaabo re ya kwa kgaolwaneng ya Boribamo re ya aba ntlo e nngwe le yone e agilwe ke ba Choppies,” ga tlhalosa Rre Khan.

Rre Khan a re ba Choppies ga ba thuse kgaolo ya gagwe fela, a re thuso ya bone e tsweletse ka go nowa moro go ralala lefatshe la Botswana.

Ka jalo, o gwetlhile banni ba Molepolole go lemoga ke-mo-nokeng ya Choppies le bagwebi ba bangwe. 

A re bagwebi ba ba dirang jaaka Choppies ba botlhokwa ka gore ba lemoga botlhokwa jwa setshaba mo dikgwebong tsa bone. 

A re go emana nokeng ke neo e mang le mang a nang le yone go ya ka bokgoni jwa gagwe mme a gatelela gape gore go bo a kgona go tsamaela morafe go ba kopela dithuso ga se kgang ya go kopa tlhopho, mme ke go supa lorato la Modimo.

Mogolwane wa tsa ipapatso kwa Choppies, Rre Kabelo Ketshabile a re monongwaga lebentlele la bone le setse le agile matlo a le marataro mo Botswana ka bophara.

A re ba simolotse go agela setshaba matlo ka ngwaga wa 2010 mme jaanong ke selomodiro ka ba ikaelela go tswelela ba ntse ba dira jalo go yeng pele.

“Re ipoleletse gore dipoelo tse re di bonang kwa Choppies re di busetse gape kwa Batswaneng,” ga tlhalosa Rre Ketshabile.

Moemedi go tswa kwa go boo-rra-Keobale o supile fa ba itumeletse mpho eo, le go akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo. 

Mokhanselara, Rre Mosweunyane a re ba Choppies ba supile lorato le setho ba tlhotlhelediwa ke Modimo. 

A re se ba se dirileng ke go tlotlomatsa seriti sa lelwapa loo-rra-Keobale ka go ba agela bonno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bontsibokae Keetile

Location : Molepolole

Event : Kabo dimpho

Date : 23 Sep 2026