Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu kwa Pitsane

23 Sep 2026

Ramapodisi a Ramatlabama, Superintendent Mary Baabina a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone magodu, a go belaesegang a ipapanne ka tlhobolo, a ne a tshosetsa babereki ba madirelo a leokwane a Meru kwa Pitsane mme a ba amoga madi.

O boletse mo potsolosong gore tiragalo eo, e diragetse ka Tshipi ka jaana ba ne ba amogela pego, mme ba ragogela kwa lefelong la tiragalo, kwa ba fitlhetseng dilalome tseo di ineile naga. 

Superintendent Baabina a re babereki ba supile fa go ne ga tla koloi ya sepalamo sa setshaba, e e neng e tshela leokwane ka nako eo, mme ya re mongwe wa babereki a re wa thusa, ga tswa borre bangwe kwa morago ga madirelo ba ipipile difatlhego.

O tsweletse a re go begilwe fa dilalome tseo di ne tsa tsaya mmereki yoo mme ba tsena mmogo mo madirelong kwa ba fetileng ba pateletsa babereki ba ba mo teng go bula mabolokelo a madi mme ba tsaya madi a mo nakong eno go iseng go itsiwe gore ke bo kae.

A re morago ga go tsaya madi, ba ne ba kopana le koloi e nngwe e e neng e emetse go tshela leokwane, mme ba tshosetsa mong wa yone ba bo ba kgona go e tsaya ba tsena ka ga re itse.

Superintendent Baabina o supile fa ba kgonne go bona koloi eo e phuagantswe mo motseng.

A re ba santse ba le mo patlong ya babelaelwa bao. 

Mo dikgannyeng tse dingwe, mothusa Ramapodisi a Good Hope, Assistant Superintendent Kenneth Edward a re ba tshegeditse borre ba le batlhano mabapi le dikgang tsa go thuba madirelo le ntlo ya rre mongwe kwa kgotleng ya Gakhudu kwa Good Hope. 

 A re borre bao ba dingwaga tse di lesome le bosupa goya kwa go tse di masome a mabedi le borataro. 

A re mapodisi ba ne ba amogela pego go tswa go mongwe wa batswa-setlhabelo, morago ga gore babelaelwa bao ba thube kwa gagwe, mme ba utswe terata. 

Ka lesego, a re ba ne ba kgona go tshwara babelaelwa ba le babedi, mme ya re morago, ba ne ba ntsha ba ba neng ba nale bone. 

Rre Edward o boletse fa babelaelwa bao ba ne ba ntsha mosi ka sekhurumelo, mme ba tlhalosa fa ba ne ba thukutha kwa madirelong mangwe a ba letso la Korea. 

A re ba sepodisi ba ne ba ntse ba le mo letsholo la ba belaelwa, morago ga gore batswa setlhabelo ba bege tshenyo kwa madirelong a bone kgwedi e e hetileng. 

O supile fa dilalome tseo, di boletse fa ba ne ba utswile didirisiwa ka bontsi di akaretsa motshine wa oo nosetsang ditshipi, megala ya motlakase, gareng ga tse dingwe.  

Go ya ka mothusa Ramapodisi, babelaelwa ba tla lebisiwa molato wa thuba a bo ba utswa mo lefelong la kgwebo le la bonno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : AOBAKWE MOLEFHI

Location : PITSANE

Event : Potsolotso

Date : 23 Sep 2026