Breaking News

Kgopo ya metsi a a leswe e tsweletse

22 Sep 2026

 

Go santse go dirwa diteko tsa go tlhola fa mafaratlhatlha a kgopho ya metsi a leswe a le mo seemong sa go ka dirisiwa. 

Se se tlhalositswe ke mookamedi mo lephateng la ditirelo tsa maranyane mo lephateng la metsi le bonno jwa batho, Rre Gaetshwane Matsiara fa a ne a araba matshwenyego le dipotso tsa makhanselara kwa Kanye bosheng. 

O sedimositse fa tiro ya kgopho ya metsi a a leswe e simolotse ka 2015, mme tsholofelo e le gore e ka bo e weditswe ka 2019. 

A re tiro eo, e ne ya diega ka mabaka a le mmalwa, a akaretsa go epiwa ga letlapa.

A re tiego eo, e ne ya baka koketsego ya dituelo tse di neng di se mo tumalanong a ba a sedimosa fa go setse go duetswe madi a a ka tshwarang P600 million wa ditshenyegelo tsa go nna jalo. 

Go sa le foo o supile fa tiro ya kago ya kgopho ya metsi a a leswe e setse e didristse madi aa ka tshwarang P3.6 billion.  

O tladitse ka gore kgatelo pele ya mma tota ya kago ya mafaratlhatlha a e kwa seelong sa 99.6 percent kgatlhanong le 100 percent yo o mo thulaganyong. 

Rre Matsiara o tlhaloseditse khansele ya Kanye gore legato la bofelo la tiro eo le diegile ka ntlha ya ditiego tsa dituelo go tswa kwa pusong go duela kompone e e dirang tiro eo.

Le fa go ntse jalo o ne a supa fa tiro e sa robalelwa ke ditlhokwa ka ntlha ya bogodu jwa megala ya kopore segolo jang kwa Pump Station 3 e e leng yone mmamang. 

A re seemo se se bifela pele fa koporase ya ditlhaeletsano ya Botswana Telecommunications, le yone e tsaya nako e telele go emisetsa megala eo. 

A re go rekwa ga mehama mengwe ya ditshipi tsa mafaratlhatlha go mogoga moleele ka jaana di rekwa kwa mafatsheng a sele.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Phuthego ya khansele

Date : 22 Sep 2026