Twantsho kgokgontsho e tlhokana le borre
22 Sep 2026
Mogolwane mo go tsa makgotla a tsheko, Rre Terrence Basupi o kopile borre go tsaya karolo mo tshwaraganong ya go lwantsha kgokgontsho.
O buile se kwa thuto-seka-dipuisanyo e e amanang le tsa kgokgontsho e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng.
Puisano e, e ene e rulagantswe ke ba sepodisi e itebagantse le borre go ba fa sebaka sa go buisana ka dikgang tsa kgokgontsho.
Rre Basupi o gwetlhilwe borre go tsaya karolo mo twantshong kgokgontsho ka go digoga kwa pele mo go lwantsheng borukuthi ka go ruta setshaba ka bo diphatsa jwa kgokgontsho le ditla morago tsa yone.
A re kgokgontsho ke sera-segolo mo go gatakeng ditshwanelo tsa setho mo lefatsheng, e bile e rontsha motho seriti.
A re lefatshe leno le tsweletse ka go itemogela kgolo ya kgokgontsho go ya ka dipalo, a supa fa bana ba ba golelang mo malwapeng a gonang le kgokgontsho ba nna batswa-setlhabelo mo tsamaong ya nako.
O kaile fa kgokgontsho e ama itsholelo ya malwapa le ya lefatshe ka jaana batswa-setlhabelo ba fiwa dithuso ka go farologana. Ka jalo, a re tshwaragano e e ka dira pharologano le phetogo mo go botlhe, a tlatsa ka gore go fenngwe mmaba o, go batla go itebagangwa le go thibela dilo tse di bakang kgokgontsho.
O rotloeditse batswa-setllhabelo go itse melao le mananeo a ka ba thusang. Mogolwane wa Mapodisi a Mahalapye,
Superintendent Anastasia Mogale o boletse fa maikaelelo a puisano e, e le go phutha borre go bua ka seabe sa bone mo dikganyeng tsa kgokgontsho.
Superintendent Mogale a re ba gwetlhilwe go bitsa bokopano jo ka jaana borre ba amega thata mo go direng melato ya kgokgontsho. A re kgang kgolo ya letsatsi ke go utlwa megopolo ya borre le mabaka a bone. Superintendent Mogale a re maikaelelo a bokopano joo, e ne gape e le go thulanya ditlhogo go tla ka megopolo ya gore kgokgontsho e ka thibelwa kana ya nyelediwa jang, ga mmogo le go rotloetsa tshwaragano ya ba-na-le-seabe botlhe.
A re moono mogolo ke go tswa ka metlhale e ka dirisiwang go hema kgokgontsho, go fetola maikutlo, mekgwa, ngwao le tumelo le go senka tharabololo. Mothusa kgosi wa Mahalapye Kgosi Samuel Maharero o tlhalosetse fa ba bogosi le bone ba tshwentse thata ke dikgang tsa kgokgontsho.
Kgosi Maharero a re bomme le bana ke batswa-setlhabelo thata gona le borre. A re lefa gontse jalo, mathata a matona ke gore bomme bangwe ba tsholola dikgang ba sena go di bega sentle fela e bile gona le bosupi. A re dikgang tsa kgokgontsho di tlhokana le tshwaraga ya botlhe.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Thuto-puisano
Date : 22 Sep 2026




