BADIRAGATSI BA OBA LETSOGO
22 Sep 2026
Keteko ya dingwaga di le masome a marataro, tsa boipuso jwa Botswana e solofetswe go nna serala sa go rotloetsa bodiragatsi mo kgaolong ya Bokone Bophirima, segolo bogolo mmino, ka karolo e kgolo ya madi a a abetsweng moletlo e tla a dirisiwa go tshegetsa tsa bodiragatsi mo gae.
Fa a bua le babega dikgang kwa Maun bosheng, mogokaganyi wa lephata la metshameko le bodiragatsi, Rre Lebotse Modibedi a re re keteko e tla thusa go neela badiragatsi ba mo gae sebaka sa go bontsha bokgoni jwa bone, segolobogolo mo mminong.
“Re bone go le botlhokwa go isa karolo e kgolo ko bodiragatsing ele maiteko a go rotloetsa banni ba rona mo kgaolong,” a rialo. O tlhalositse gore go tshegetsa bodiragatsi ke nngwe ya ditsela tse keteko e tla solegelang setshaba molemo ka yone, ka e tla neela badiragatsi serala sa go itlhalosa le go fitlhelela bareetsi ba bantsi.
Gape a re kgaolo e, e abetswe P450,000 go tsholetsa ditshupelo tsa keteko ya letsatsi la boipuso, mme madi ao, a abetswe dikgotlana tsa kgaolo ka go farologana go lebilwe palo ya batho.
O tlhalositse gore nngwe le nngwe ya dikgaolo tsa botlhopi tse tharo e amogetse P150,000. A re madi ao a abetswe dikgotlana ka tekatekano go ikaegilwe ka palo ya batho, mme madi ao a farologana go tloga ka P6,000 mo mafelong a mannye go fitlha go P34,000 mo mafelong a a nang le batho ba bantsi.
Rre Modibedi a re mafelo a dikgotla a dumalane go kopanya madi a one gore keteko ya boipuso kwa Maun e nne ya boleng jo bo kwa godimo, mme fa moletlo o motona o tla a tshwarelwa kwa Maun Sports Complex.
Rre Modibedi a re madi ao gape a tla thusa go netefatsa gore keteko e tsamaya sentle, go akaretsa go tlamela batho ba ba tla nnang teng ka dijo tsa motshegare kwa tiragalongkgolo.
O kopile beng ba dikgwebo mo Maun le ba ba mo metseng ee mabapi go ema nokeng letsatsi leo ka go ithaopa ka se ba ka se kgonang.
Fa a bua ka lenaneo la letsatsi la boipuso, Rre Modibedi o tlhalositse fa moletlo wa letsatsi la boipuso o tla a simolola mo mosong kwa Nhabe Museum, mme go tlholwe kwa lebaleng legolo kwa go tlaa atlholwang teng go fitlhelela mo mosong wa letsatsi le le latelang .
Mo godimo ga tiragalo ya konokono ya letsatsi, kgaolo e rulagantse ditiragalo tse dingwe tse di amang letsatsi la boipuso.
A re mmabontle wa bagolo ba dingwana tse di lekanang le boipuso jwa ngwaga yo, ba ba masome a marataro o tla tshwarwa kwa sekolong se se golwane sa Maitlamo Junior ka Lwetse ale 26.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaolethoo Kgatitswe
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 22 Sep 2026




