Breaking News

Rotloetsang bana go somarela ngwao

22 Sep 2026

Kgosi Kgari Sechele III a re go somarela ngwao go tlhoka tshwaragano ya botlhe.

O ntshitse kgakololo eo ka Matlhatso jaaka borre ba Mokwena kwa Molepolole ba ne ba bolotse go ya go rebola letsema.

Kgosi Kgari III a re moeteledipele wa morafe o tlhoka go gakolololwa le go tlhotlhelediwa ke bagolo gore a kgone go dira tse di tshwanetseng go somarela ngwao le go godisa serodumo sa morafe.

A re le fa morafe wa Breakaway o santse o tshegeditse ngwao ya go bolotsa letsema, se se tshwenyang ke gore dipalo tsa borre bayou ba lalang kwa kgotleng, le go rwala masa ka tlhogo ba ya go bolotsa letsema, di tsweletse ka go ngotlega.

Ka jalo, o ba kopile go ema ka dinao le go rotloetsa bana ba basimane gore phularong ya bone ba kgone go tsweledisa ngwao ya go bolotsa letsema, le gone ba tsepame ba e tlhaloganya ka botlalo.

O ikuetse mo magosing a kgaolo ya gagwe gore ba dire ka natla go tlhomamisa gore borre le bana ba basimane kwa dikgotleng tsa bone ka go farologana ba diragatsa tsamaiso ya go bolotsa letsema.

Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a neng a tswa ka borre, Kgosi Kgari III a re ofisi ya gagwe e tlaa tswelela ka go reetsa le go tsibogela matshwenyego a bone, a tlatsa ka gore dkgwetlho dingwe di fenngwa ke tshwaragano.

Kgosi Kgari III a re o tshwenngwa ke gore bangwe ba tsweletse ka go sa dirise sentle thuso e ba e fiwang go lema ka e a re morago ba phuaganye masimo. 

Ka jalo o kopile borre gore ba tswelele ka go etelela le go godisa mohama wa temo thuo.

O tlhalositse gore thulaganyo ya go bolotsa letsema ke go kopa masego le matlhogonolo a dipula tse di namagadi, ka jalo go botlhokwa gore fa magodimo a bulega, marothodi a a tlaa rothang a dirisiwe go ntsha dijo tse di tla tshetsang tshaba ya Mokwena.

Kgosi Kgari III a re dikgwetlho tse di tsweletseng ka go ama temo thuo jaaka bolwetse jwa tlhako le molomo, di tlhoka borre ba ba nang le boikarabelo go di fenya.

A re le fa ba tsweletse ka tsamaiso ya letsema go kopa pula, boikarabelo jwa ga rre ke jone bo tla nonotshang mohama wa temo thuo.

Mongwe wa bagolo ba ba eteletseng thulaganyo ya go bolotsa letsema, Rre Moshaokanyana Motshweneng a re o leboga Kgosi Kgari III ka go tswelela ka thulaganyo ya letsema.

Rre Motshweneng a re paka e fetileng e nnile le dipula tse di nametsang e le sekao sa gore Modimo le badimo ba Bakwena ba arabile kopo ya ga Kgosikgolo.

O gateletse botlhokwa jwa gore borre ba tlhokomele temo le thuo ba kgone go ntsha dijo, ba tshetse malwapa a bone.

Rre Motshweneng a re borre ba gakologelwe gore thulaganyo ya letsema e a ilelwa. A re dipula tsa letsema le le fetileng ke sesupo sa gore ba ne ba obamela meila e tshwanang le wa gore ba seka ba rema ditlhare dingwe jaaka mokgalo le gone go fagola dipoo ka paka ya letsema.

Mothusa Kgosikgolo ya Bakwena, Rre Lawrence Mhaladi o tlhalositse gore ba Bogosi ba rekegetse selelo sa bone sa gore go tsosolosiwe mophato.

A re tsholofelo ke gore mo pakeng e tlang kopo ya bone e diragadiwe. Rre Mhaladi a re ke boamaruri thulaganyo ya letsema e tlhoka borre ba ba itlhaloganyang ba filwe molao ko mophatong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : Molepolole

Event : Letsema

Date : 22 Sep 2026