Seemo sa melemo se tokafetse
22 Sep 2026
Makhanselara a kgaolo ya Bokone botlhaba ba iteetse legofi Metazoa a a bonalang a go tokafala ga seemo sa melemo kwa dikokelong.
Ba supile seo fa ba akgela mo pegong ya tekodiso ya botsogo jwa kgaolo ka modulasetilo wa khansele, mokhanselara Mbaakanyi Smart le mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo kwa phuthegong ya khansele bosheng.
Ba re letswa go santse go na le tlhaelo ya melemo mengwe kwa dikokelong, ba namediwa ke go bo seemo sa melemo go lebega se tokafetse fa go tshwantshanngwa le sa malatsi a a fetileng.
Le fa gontse jalo makhanselara ba ne ba itela ka dingwe tse ba boletseng di bayang banni ba metse ya dikgaolwana tsa bone ga mmogo le kgaolo ka kakaretso ka fa mosing, ka jalo ba kopa gore ba thusiwe ka ditlhabololo le ditlamelo dingwe.
Nngwe ya dilelo tsa bone ya bo e le seemo sa ditsela tse di mo teng ga metse le tse di lomaganyang metse mengwe, ba kaya fa di le mo seemong se se maswe, ba re ba tshogela gore fa dipula di ka goroga di fitlhela di ntse jalo di tlaa gakatsa bobe seemo sa tsone.
Ka jalo ba ne ba kopa gore di potlakelwe go baakanngwa ka go gopiwa le go tshelwa mmu wa lekgarapana, pele dipula di phaila, ba bolela fa di sa ema sentle badirisi ba tsone mme e bile di baka gore dikoloi di senyege kgapetsakgapetsa.
Bangwe ba ne ba supa fa maiteko a go tsibogela dingwe tsa ditsela tseo a bonala mme sebe sa phiri e le go bo go sa lekana.
Ba tsweletse ba supa letshwenyego tebang le tlhaelo, letlhoko le tiego ya go diragadiwa ga ditlhabololo le ditlamelo dingwe mo metseng ya bone, ba umaka tiego ya abiwa ga ditsha, tlhaelo ya bodiredi segolo jang baoki, go sa phatlaladiwa ga motlakase le metsi kwa dintlheng tsotlhe tsa metse mengwe ya kgaolo eo le tse dingwe fela jalo.
Ba ne ba kopa gore gore go okediwe dipalo tsa babereki ba Ikageng mo meetings ya bone go leka go itepatepanya le kgolo ya dipalo tsa batho ba ba thologelang mo lenaneong leo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Moroka/Kgari, mokhanselara Vincent Mooketsi a re go lebega e ne ya re morago ga ditsholofetso tsa gore bodiredi jwa Ikageng bo tlaa amogela P2 500, bontsi jwa batho ba ba neng ba ile go leka matshelo kwa ditoropong, ba boela kwa magaeng go ya go ikaega ka lenaneo leo.
O supile fa banni ba kgaolwana ya gagwe ba kgona go nna dikgwedi tse tharo ba sa theogele, selo se a boletseng se baka gore ba kokonelwe ke lehuma.
Mokhanselara wa Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani o ne a ngongoregela ka fa ba koporasi ya metsi ba WUC ba kgaolelang batho metsi ntle le tlhagiso epe e ba e ba neelang pele ba dira jalo.
A re o bona go dira jalo go sa lebana, ka jaana go sa supe setho mo badirising ba ditlamelo tsa bone.
Mokhanselara Nkwati Morake wa Senyawe/Butale o ne a kopa gore kgang ya gore go bo gotwe banni bangwe ga ba mo mmepeng wa go thusiwa ka ditlamelo dingwe di tshwana metsi le motlakase, di sekasekiwe mme o fedisiwe gore batho botlhe mo metseng ba kgone go akola ditlamelo tseo.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Matshelagabedi, Rre Ndiye Shangwa o ne a supa fa motse wa Matshelagabedi o gola ka dipalo tse di makatsang, tse di o bayang mo maemong a boraro a metse e e nang le palo e ntsi ya batho mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. Mokhanselara Shangwa a re ka jalo nako e gorogile ya gore motse oo, o nne le koloi ya sepatela ya yone e le nosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Sep 2026





