Breaking News

Setapa se ya monyong

17 Sep 2026

Yaare Motswana a tlaare nako ya Boipuso e gorogile, a bone ka mebala ya Botswana go phaphasela mo mafelong ka go farologana, metse le yone e itlhokotse gore mokete e nne o monamagadi,

Tsholofelo ke gore Boipuso jwa monongwaga e nne jo bo pharologanyo, bo nonofile go supa dingwaga tse di masome a marataro Botswana a ipusa.

Se, se raya gore mongwe le mongwe a tsenye letsogo, go bona gore fa a teng, o thusa gore se, se diragale.

BOPA e ne ya tlhotlhoma le metse, go tlhola gore e tshwere jang, go rulaganyetsa mokete wa Boipuso.

MOSHUPA

Kwa kgaolong ya Moshupa, molaodi, Mme Kolobetso Sejakgomo, a re banni ba metse le metsana ya kgaolo ba tsholeditse ditlhako ebile ba supa mowa wa boipelego ka go kokoanya madi go natefisa letsatsi. 

“Dipaakanyo di tsweletse sentle, go supega fa banni ba phophoma ka boitumelo ka ba simolotse go koleka madi, go oketsa lemme le le tswang kwa pusong,” Mme Sejakgomo a tlhalosa.

A re kwa Letlhakane West, lerole le tlaabo le beta mokodue ka dikhwaere di tsweletse ka go ikatisa ga mmogo le baboki, setapa sa bagolo, metshameko ya ngwao e akaretsa morabaraba le kgwele ya dinao. 

Se se bo se le maleba ka Boipuso jwa ngwaga o no, bo beile kwa pele go tlotlomatsa le go supa botswerere jwa badiragatsi ba mo gae.

Mme Sejakgomo o supile fa kwa Ralekgetho, banni ba boloditse letsholo ka go shafatsa leobo la kgotla, go phepafatsa motse le ikatiso ya ditlhopha tsa mmino wa Setswana. Fa kwa Moshupa go tlaa nna le thulaganyo ya go palama lentswe ka letsatsi la Boipuso, e le lenaneo la modulasetilo wa khansele.

 

KANYE

Kwa Kanye, komiti e e baakanyetsang Boipuso le yo ne, ga e a phutha diatla, tiro e tswa tema go tlisa monyenyo mo difatlhegong tsa banni ka letsatsi la Boipuso.

Modulasetilo wa komiti ebile e le mothusa molaodi, Mme Tuelo Gothaang, o tlhalositse fa dipaakanyo di gatetse pele ka jaana ba setse ba simolodisitse kgwedi ya thapelo ba tshwaragane le lekgotla la baruti mme mo bogaufing, banni ba tlaa bolotsa letsholo la go phepafatsa motse. 

O boletse gape fa ba tlaa tswara tiro ya go itshidila mmele ka mafelo a beke mme ditirelo tse dingwe di tlaa akaretsa kgwele ya dinao e e tlaa tshwarwang kgwedi eno e le 26 mme e re ka di 27 a bo e le makgaola kgang.

Mme Gothaang a re banni ba tlaa akola gape le dipuisano di akaretsa baemedi go tswa kwa mehameng ya kgwebo, tumelo, bodiragatsi jwa maloba, motsadi go abelana ka tsa ngwao, lefelo la ngwao la GaMmaLeema, mme go tlaa nna gape le moithuti go tswa kwa sekoleng se se golwane sa Seepapitso.

E tlaare malatsi a ya kwa motsubong, go nne le loeto la go tlhodumela le go ithuta matlotlo a ditso tsa GaNgwaketse le le tla etelelwang pele ke ba motlobo wa ditso go simolola kwa sefikantsweng sa ga kgosi Bathoen II, difalana le mabitla a bogosi a Mmalekwa.

KGALAGADI BORWA

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Maralaleng kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Rre Puso Dipheko o supile fa ba setse ba tlhophile komiti e e tsamaisang Boipuso ebile e semeletse go kokoanya madi ka go tsena ntlo le ntlwana.

Rre Dipheko o kaile fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwaragane le komiti e e tlhophilweng go kgobokanyetsa Boipuso madi, ka seo se ka ba kgontsha go keteka letsatsi la Boipuso le le eletsegang ka gantsi ebile ba etelwa ke baagisanyi go tswa South Africa.

Kgosana Fallie Gabankalafe kwa Maralaleng ene o boletse fa Boipuso jwa monongaga e le jo bo faphegileng ebile bo le botlhokwa thata mo Batswaneng, ke ka moo ba emeng ka dinao go bo baaikanyetsa.

A re ke Boipuso jwa ditso ka jaana ba tlaabo ba ipelela ditlhabololo le kgolo e e diragetseng mo dingwageng tse di masome a marataro lefatshe leno le ipusa. O boletse fa ba ne ba bitsa phuthego e le boeteledipele, go buisana le morafe go tswa ka megopolo e e ka ba kgontshang go dira moletlo wa selebego se se kwa godimo.

“Re tsweletse sentle ka dipaakanyo mme maikaelelo a rona ke go keteke boipuso jo bo pharologanyo, ka seriti se se kwa godimo ka e le jwa masome a marataro,” Kgosi Gabankalafe a tlhalosa.

O boletse fa ba tshwaragane le balekane ba Botswana mo dipaakanyong ebile ba le malala a laotswe gore ba tseye karolo le go supa seabe sa bone ka letsatsi la Boipuso.

A re go tlaa nna gape le metseletsele ya ditiragalo go natefisa, di akaretsa moopelo, maboko, mmabontle le tse dingwe.

E ntse e le kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Kgosi Gel Jacobs kwa Gakhibana o boletse fa banni ba boloditse letsholo go phepafatsa tikologo gore e re fa letsatsi la Boipuso le goroga a bo motse o bakasela.

Fela jaaka kwa metseng e mengwe, a re dipaakanyo di tsamaya sentle ka keletso e le go keteka Boipuso ka tsela e e faphegileng. Kgosi Jacobs o supile fa maikaelelo e le go tsosolosa ngwao ka letsatsing leo ka go natefisa ka mmino wa Polka, setapa, dikhwaere le tse dingwe.

BOKONE BOPHIRIMA

Kwa kgaolong ya Bokone Bophirima le gone letsema le tsweleletse kwa metseng ka go farologana. Kgosi Johane Ngwengare wa Phuduhudu, o supile fa ba setse ba kgonne go bona madi a a kana ka P24 000 a mo go one P12 000 a tswang kwa lekgotleng la morafe la Xhauxhwatubi Development Trust fa a mangwe a tswa mo mogwebing.

Kwa Maun, mogokaganyi wa tsa metshameko le bodiragatsi, Rre Lebotse Modibedi, a re go tlaa nna le metseletsele ya ditiragalo pele ga letsatsi le letona le goroga.

A re ba rulagantse ditiragalo di tshwana le megwanto, mmabontle wa balekane ba Botswana le maitiso a moopelo a a bitswang vintage concert magareng ga tse dingwe. Kwa maitisong ao, banni ba tlaabo ba tsabakela ka kapari ya maloba e le go itsaya motlhala le go ipelela kwa lefatshe leno le thaegileng teng, bogolo jang mo kaparing.

E re ka banni ba tlwaetse go jela Boipuso kwa dikgotleng tsa bone, Rre Modibedi o boletse fa monongwaga dilo di tlaa fetoga ka ba solofela fa morafe o tlaa kopanela kwa lebaleng la Maun Sports Complex ka letstasi la Boipuso, go keteka tiro e tona eo e e tlaa bong e tletse ka metshameko, bodiragatsi le ditshupo tsa ngwao.

Kgaolo ya bokone bophirima e phophoma ka merafe e e farologanyeng mme e tlaa nna le sebaka sa go supa ngwao le kapari ya bone, go netefisa letsatsi la Boipuso.  

Rre Modibedi o tlhalositse gape fa ka letsatsi la Boipuso ba tlaa simolola ka mogwanto go tswa kwa lefelong la metlobo ya ditso la Nhabe Museum ba eteletswe pele ke badiragatsi, le baopedi ba dikereke go leba kwa lebaleng la metshameko.

E ntse e le mo kgaolong ya bokone bophirima, Kgosi wa Bothatogo, Kgosi Tjazako Munduu a re o itumetse thata ka jaana banni ba iteteile ka thupana go monela marulana pele a tlatsa ka gore ba setse ba kgobakantse madi.

A re tiro eo e supa fa banni ba tlhaloganyaa mowa wa boipelego e seng go baya fela mo pusong gore e ba direle sengwe le sengwe mme a eleletsa Batswana ka kakaretso go tsaya malebela a re ba tshwanetse ba itse fa letsema le le thata ka mong wa lone.

“Nako ya go baya sengwe le sengwe mo pusong e fetile, ke nako ya gore re le baeletedipele ba metse, re jwale mowa wa boipelego le boithaopo, e e leng yone o agileng lefatshe leno,” Kgosi Munduu a kgothatsa. 

NKANGE

Kwa Nkange, modulasetilo wa komiti ya dithabololo tsa motse, Rre Gabriel Tshekiso, o boletse fa go sena disana dipe mo dipaakanyong ka jaana borre le bomme ba itlhomile kwa pele go dira gotlhe gore Boipuso e nne jwa maemo a ntlha.

E re ka Motswana a dumela gore ga gona mokete o o senang nama, a re ba ititaya dipata go tlatsa se ba se filweng ke puso, go reka kgomo e e ka alosang morafe ka letstasi la Boipuso.

Mo gompienong, a re ba setse ba weditse tiro ya go taka mantswe a a fa kgotleng ka mebala ya Botswana mme dithulaganyo tsa go tshwara dikgaisanyo tsa mmabontle wa balekane ba Botswana le tsone di tsweletse. 

“Dikereke ka go farologana le tsone di tsweletse ka go tshwara merapelo kwa kgotleng letsatsi le letsatsi, go rapelela dikgwetlho tse di aparetseng lefatshe leno le gore Boipuso bo atlege, kagiso le thokgamo di tswelele di rene,” Rre Tshekiso a tlhalosa.

O supile gape fa ditlhopha tsa badiragatsi di itlhokotsa go natefisa letsatsi la Boipuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 17 Sep 2026