Breaking News

Dikoloti o rotloetsa balemi go dirisa Lemang Dijo

17 Sep 2026

Mopalamente wa Good Hope/Mmathethe, Dr Edwin Dikoloti o kopile banni ba Mosi gore ba tsibogele lenaneo la Lemang Dijo. O buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa motseng oo bosheng.

Dr Dikoloti o boleletse morafe gore puso e tlaa tswelela ka go ba lemela selekanyo sa ekere, mme ba tshwanetse go itse gore jaanong ba tlamega go tlhatlhoba mmu wa masimo a bone gore ba kgone go thusiwa ka lenaneo leo.

O supile fa nako e gorogile ya gore balemi ba simolole go tsaya maikarabelo a a tletseng ka gore, nngwe ya ditsetlana, ke gore mmu o bo o tlhatlhobilwe gore go itsiwe gore molemi o ka fiwa dipeo le menontshane ya mofuta ofe. 

O supile fa mo nakong e e fetileng morafe o ne o lemelwa diekere tse dintsi mme ba sa kgone go ntsha dijo tse di bonalang.

A re go tlhoka go tlhokomela tshimo jaaka go tlhagola le go leta diji le gone go ne go na le seabe mo seemong seo, mme a re seo jaanong se tshwanetse go fetoga.

Gape Dr Dikoloti o kopile morafe gore ba hirisetse bangwe bagwebi masimo a bone. 

O supile fa bagwebi ba le teng ba ba eletsang go tla go tlhama ditiro mo kgaolong eo mme sebe sa phiri e le letlhoko la lefatshe.

Mopalamente o ne gape a rotloetsa morafe gore o inaakanye le lenaneo la go kabela, le a tlhalositseng fa le siame thata ka lesa batle metsi a mantsi le lefatshe le le tona.

E ne e rile gole pele, morafe wa supa fao tlhaela ka balemisi ka gore kgaolo ya bone e kgolwane, seemo se ba supileng fa se ba paledisitse le gone go bega thobo ya bone monongwaga.

Mogokaganyi wa lenaneo la Lemang Dijo, Rre Oratile Monthe o ne a ba solofetsa gore ba tlaa tlhapelwa molemisi wa nakwana ka jaana madi a santse a seo go senka wa sennela ruri.

Mo go tse dingwe, banni ba boleletswe gore tsela ya motse wa bone e tlaa simololwa go dirwa ka Ngwanatsele. 

Tsela eo, e e tswang mo tseleng ya Phitshane Molopo mme e ralala bontlha bongwe jwa dipolase tsa MOSISEDI, Dr Dikoloti o boletse fa ele nngwe ya ditsela tse di botlhokwa thata ka di tlaa thusa balemi go ntsha dijo kwa masimong go ya kwa mmarakeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Mosi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Sep 2026