Mogolwane o kopa ba kitso ya go upa masimo go ikwadisa
17 Sep 2026
Ope yo o nang le kitso ya setso ya go upa masimo go itsa seemo se balemi ba tswang ba iphotlhere ntateng ya diji jaaka thaga le diboko ba kopilwe go ikwadisa kwa lekgotleng la Dingaka tsa Setso.
Kopo eo, e ntshitswe ke motshwarelela mookamedi wa ofisi ya temo mo Kweneng, Rre Onne Monamisi a buisa phuthego ya kgotla mo Molepolole ka Mosupologo. A re dikgwetlho di tshwana diji di busetsa morago maiteko a puso le balemi a go ntsha dijo, ka jalo ba ba nang le kitso ya tlholego ya go di lwantsha ba itshupe.
Rre Monamisi a re dijalo di tshwana le mabele, lebelebele le mmidi ke dingwe tsa tse di tshabelelwang ke diji.
A re le fa phetogo ya loapi e tla ka diphetogo tse di amang mohama wa temo, balemi ba masimo a mo tikologong ya Molepolole ba rotloediwa go dirisa lenaneo la Lemang Dijo ka botlalo gore ba kgone go tlhabolola temo le go ntsifatsa thobo.
Rre Monamisi a re ngwaga le ngwaga fa nako ya temo e goroga ba nna le bokopano le balemi go ba tsibosa ka tse ba tshwanetseng go di dira go tokafatsa thobo. o tlhalositse gore le fa puso e dirisa madi a mantsi go thusa balemi ka tse di tshwanang peo le menontshane, ba tshwenngwa ke thobo e sa nametseng. A re lenaneo la Lemang Dijo le itebagantse le balemi ba ba potlana ba temo ya komelelo.
Rre Monamisi a re diphetogo tse di dirwang mananeong di tla ka mabaka a farologanyeng, jaaka gore bangwe ba balemi ba fiwa dipeo mme ba felela ba sa lema, fa bangwe ba sa tlhokomele masimo.
A re diphetogo dingwe di dirwa ka maikaelelo a go tokafatsa lenaneo gore balemi ba rotloetsege, ba nne thaga mo temong ya bone.
Le fa go ntse jalo, a re mo pakeng e tsenang ya temo, puso e tla tswelela ka go seka seka ba ba ikopelang go thusiwa ka lenaneo la Lemang Dijo gore ba ba tshwanetsweng ke lenaneo ba thusiwe go lema.
O gakolotse balemi gore sengwe sa tse di tlhokwang gore molemi a thusiwe ka lenaneo la Lemang Dijo ke go dira tlhatlhobo ya mmu, e tla thusang go kaela gore tshimo e tlhoka monontshane ofe.
A re dikompone tse di tlhatlhobang mmu di setse di anamisitswe ke ba lephata la temo, a tlatsa ka gore maduo a mmu a laola selekanyo sa monontshane o tla tsenngwang mo mmung.
Rre Monamisi a re nngwe ya ditsetlana tsa Lemang Dijo ke gore fa go padile molemi a ntshe thobo ya kgetsi tse thataro mo ekereng e lemilweng le go tlhomamisa gore o kwadisa thobo kwa ofising ya molemisi.
O tlhagisitse gore ba ba sa saleng morago ditumalano ba tla ntshiwa mo lenaneong.
Mothusa Kgosikgolo ya Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi a re go botlhokwa go tlhatlhelela baelmi gore ba kgone go lepalepana le diphetogo tsa loapi, tse di tsweletseng ka go folodisa maiteko a bone a go jesa setshaba. Kgosi Mhaladi o supile fa go le botlhokwa gore dikeletso le dikgakololo tsa banni di isiwe pusong ntswa a sa kgotsofalele dipalo tsa batla pitsong.
Mo dikakgelong tsa bone bangwe ba balemi ba supile fa ba sa kgotsofalele gore ba lemelwa ekere e le nngwe ka lenaneo la Lemang Dijo.
Ba kopile gore ba okelediwe, ba thusiwe, segolo ba thusiwe mo ekereng tse pedi. Mme Jane Motlalekgosi one a eletsa go itse gore go tsaa nako e kae go tlhathoba mmu.
E rile a tsibogela dipotso le dikakgelo, Rre Monamisi a re motsadi o ka ikopanya le bana, mme a ba adime bontlha bongwe jwa tshimo, mongwe le mongwe a tsaya ekere gore ba kgone go lemelwa diekere di feta bongwe e le lelwapa.
O tlhalostse gore maduo a tlhatlhobo ya mmu wa tshimo a tswa mo sebakeng sa malatsi a supa. Mokhaselara Mokwaledi Leo wa kgaolwana ya Sebele a re go botlhokwa go tsenelela diphuthego tsa mofuta o, gore balemi ba ntshe megopolo e ka thusang go tlhabolola mananeo a temo.
Rre Leo o gateletse botlhokwa jwa gore batsadi le bana ba tshwaraganele temo gore ba kgone go akola lenaneo la Lemang Dijo ka go lemelwa ekere tse di fetang bongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thokozani Matiha
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Sep 2026







