Ba Sesung ba ipelela peo ya kgosi
16 Sep 2026
Morafe wa Sesusng, e ne ya re bosheng, wa kokoanela kwa kgotleng go ipelela peo ya ga Kgosi lebang Dinake.
Kgosi Dinake, yo o neng a rolelwa morafe Ke Moemela Kgosi yo Mogolwane mo Kgotleng kgolo ya Bagwaketse, Kgosi Kwelagobe Mookodi ngwaga o o fetileng, o tlhatlhama mogolowe e bong Kgosi Basimanyana Dinake yo o tlogetseng tiro ka bogodi.
Fa a ntsha la gagwe Kgosi Mookodi o tlhalositse fa tlholego ya lefatshe la Botswana e supile fa magosi a lefatshe leno e le one a itseng motheo wa lefatshe jaaka fa magosi a mararo; Kgosi Bathoen I, Khama III, Sechele I ba ne ba tsaya loeto go ya England go kopela lefatshe la Botswana go ipusa.
Kgosi Mookodi a re kgato e magosi a mararo a neng a e tsaya e supile tlhwaafalo ya bogosi mo pusong ya lefatshe.
O supile fa bogosi ka tlhago bo tsamaya ka thomagano a ba a kaya go tlhomagana ga magosi a motse wa Sesung go tswa ka Kgosi Rantana-a Dinake-a Mosimaneotshosa e leng Rraagwe Kgosi Basimanyana le Lebang Dinake.
Go ya ka Kgosi Mookodi, Kgosi Rantana Dinake o ne a le mo pusong ya ga Kgosi Bathoen II, Kgosi Basimanyana Dinake ene a le mo pusong ya ga Kgosi Seepapitso IV fa Kgosi Lebang Dinake a le mo pusong ya ga Kgosi Malope II.
A re kokomana ya ga Rantana Dinake e tlaa sala ka kitso ya gore fa Moeteledipele wa pele wa Sesung, Kgosi Mathiba fa a isiwa kwa motseng wa Mmathethe go ne ga sala motsadi yo ka nako eo e neng e le Rre Rantana Dinake (Mosimaneotshosa) e le moeteledipele wa motse wa Sesung.
A re ka jalo ke sone e e rileng Kgosi Dinake a hulara ga tsena morwae, e bong Basimanyana Dinake.
O tlhaloseditse Kgosi Dinake gore fa a kopane le bagolo mo bogosing, o tla a bo a na le bokaedi jwa motia jo bo tlaa a mo tiisang go busa ka manontlhotlho le ka kemonokeng.
O gakolotse Kgosi Dinake fa a tlaa tshwara ditsheko tsa morafe e seng go o letlanya mme a mo rotloetsa go tsibogela dibuka tsa melao, gore Kgosi a inaakanye le go di tlhodumela go nna malala a laotswe go lebagana le dikgetsi ka go farologana mo lekgotleng.
O ne a gatelela botlhokwa jwa go nna teng ga bo-rangwanaa-kgosi a re ke bone ditlhomeso le mapako fa Kgosi e le pinagare. O tladitse ka gore bo Rralekgotla le bone ba tlaa thusa go tshwaraganela morafe wa Sesung.
O kgadile dintwa tse gantsi di tlhagogang fa gare ga malwapa a bogosi a re ditlhabisa ditlhong le go diga seriti sa bogosi.
“Dikgosi, borangwane, boralekgotla le morafe, re tshwanetse ra tshwaraganela go bopa dikgotlana le motse wa rona”, ga kopa jalo Kgosi Mookodi.
Motsadi go tswa Serowe kwa Kgotleng ya GoTshosa, Mme Sethunya Motswetla o gakolotse Kgosi Dinake fa bogosi bo ilelwa, le gore ke tiro e e bokete thata.
“Kgosi ke thotobolo, matlakala otlhe a latlhelwa mo go ene”; ga tlhalosa Mme Motswetla a ba a tlatsa ka gore kgosi Dinake a nne setilo se a se filweng ke batsadi
A re Kgosi Dinake a solofele go amogela dikgang tse di botlhoko le tse di monate le gore a tshware morafe wa gagwe ka tekatekanyo ntle le go thopha gore motho ke yo o ntseng jang.
Mo godimo ga moo o mo tlhagisitse go re a itlhokomele ka jaana bangwe ba tlaa mo rata fa bangwe ba tla seke ba mo rate.
Fa a ntsha la gagwe Kgosi Dinake, yo o diretseng puso dingwaga di ka tshwara masome a mararo le botlhano e le morutabana, o supile fa a tlaa gata le morafe wa gagwe go tlhabolola motse wa bone ka tebelopele e a nang le yone
O supile fa a lemoga gore motse wa Sesung o saletse thata kwa morago ka ditlhabololo mme a solofetsa gore o tlaa dira ka natla gore o nne mo seemong se se kgatlhisang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Sesung
Event : Peo ya kgosi
Date : 16 Sep 2026







