Breaking News

Mogolwane o kopa bodiredi go ntsha maduo

15 Sep 2026

Badirelapuso ba maphata aa ka fa tlase ga Lephata la Ofisi ya ga Tautona kwa Tutume ba kopilwe go bereka ka natla le go ntsha maduo mo tirong. 

Se, se builwe ke mothusa molaodi wa kgaolo ya Tutume, Rre Boamogetswe Monyena mo bokopanong jwa babereki bosheng. A re ofisi eo, e tona, ka jalo setshaba se solofela thuso ya maemo a ntlha, mme ka jalo o kopile bodiredi go tshegetsa serodumo sa lephata leo ka go thusa batho ka nako.

Rre Monyena o kopile bodiredi go dirisanya sentle le molaodi yo mosha, Rre Ewetse Selelo.

A re ga gona sepe se se fetogileng e bile tshwaragano ke phenyo. 

Fa a tswa la gagwe, Rre Selelo o gakolotse badiri gore puso e beile mo go bone go rekisa mananeo mo setshabeng. 

O gateletse gore badirelapuso ba gololesegile go tla ka megopolo go abelana le ba bangwe ka fa ba akanyang dilo dingwe di ka dirwang ka teng go tokafatsa maduo mo tirong.

Rre Selelo o kopile badiri go bereka ba le seopo sengwe go bona gore ba tsholetsa kgaolo ya Tutume le batho ba yone. 

A re badirelapuso ga ba a tshwanela go bereka ka go salwa morago, ka jalo a re mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le maitlamo a go ntsha maduo fa a leng teng.

Rre Selelo o ba kopile go nna le lerato mo tirong le go nna le mowa wa neelano le go tlotlana ka dinako tsotlhe. 

Gape, o ba gwetlhile go dirisa bokgoni le botlhaga jo ba bo kaileng ka nako ya fa ba ne ba ikopela tiro, a gatelela ka gore ba se lebale maikano. 

Molaodi o ba kopile go babalela dithoto tsa puso tse ba di dirisang le go amogana mo go leng teng fa ba santse ba emetse gore seemo sa itsholelo se tokafale. 

Fa ba tswa la bone, badirelapuso ba ne ba itela ka tlhaelo ya didirisiwa, segolo bogolo jang dikoloi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya bodiredi

Date : 15 Sep 2026