Go tlhomiwa Kgosi ke boikarabelo jo bo kwa godimo
15 Sep 2026
Kgosi Puso wa Batlokwa a re go tlhomiwa go nna Kgosi ke boikarabelo jo bo kwa godimo.
O buile se kwa Mmopane ka Labotlhano, jaaka a ne a tlhoma Kgosi Simon Manthe mo setilong sa bogosi jwa motse oo.
A re bogosi bo raya dilo di le dintsi jaaka Kgosi Manthe a tsaya boikarabelo jwa go tshegetsa le go tsweledisa ditso tsa Mmopane.
A re bogosi bo raya go tlotlomatsa seriti sa bogosi, popagano ya setshaba, mme e bile morafe o solofela dilo di le dintsi mo go ene.
Kgosi Puso a re bogosi bo raya go tlogela motlhala gore ka nako e Modimo a mmiletsang gae, a sa le a buiwa ka tse dintle tse a di dirileng.
O tlhaloseditse fa peo ya ga kgosi e tla ka nako e e leng gore puso e sekaseka molao wa bogosi le wa makgotla a Setswana.
“Seo se raya gore bogosi bo mo seemong sa go itepatepanya le diemo tsa segompieno le go amogela diphetogo tsa sesha,” Kgosi Gaborone o tlhalositse jalo, a bo a supa fa puso e ikaeletse go tlotlomatsa seriti sa bogosi le go ba neela dithata tse di ba tshwanetseng gore ba kgone go dira tiro ya bone.
Kgosi Puso o lemositse Kgosi Manthe fa a ne a wetsa dingwaga di le masome a mabedi a ntse a le kgosi, kgwedi ya Motsheganong.
A re mo dingwageng tsa gagwe tsa bogosi, o ithutile gore o ka tsaya ditshwetso mme morago motho a lemoge gore setshaba se na le dipharologano ka tshwetso eo mme a amogele gore phoso e dirwa ke motho e bile e baakanngwa ke motho.
“Gape o ithute gore go na le nako e o tshwanetseng go ema wa etelelela pele, mme nako tse dingwe ga re o di goge kwa morago. Reetsa dikeletso tsa batho. O ka nna moeteledipele mme morafe wa gago o tla pele,” Kgosi Puso a gakolola.
O gakolotse gore Botswana ga e sa tlhole e le wa maloba, lefatshe le fetogile, dikeletso di fetogile le dikgwetlho di fetogile ka morafe o na le ditsholofelo tse di sha mme ba sa eletse kgosi yo o nnang fela mo kgotleng.
A re morafe o solofela kgosi yo o tlhaloganyang lefatshe le tikologo, yo o reetsang, yoo bonwang ke morafe ebile a tlhaloganya banana le go buisana le batho ka go farologana.
O ne a tlatsa ka gore morafe o solofela kgosi yo o somarelang ngwao mme a amogela diphetogo, a na le tebelopele, mme seo se raya gore kgosi wa gompieno a itepatepanye le diphetogo tsa gompieno, a tlhaloganye dilo tsa sesha mme a sa ikapole bogosi jwa gagwe.
Kgosi Puso a re Kgosi Manthe a tswelele ka go itlhabolola, a bale dibuka le go nna le dikitso ka go farologana.
“Moeteledipele o ikagelela ka batho ba ba ka mo thusang go isa morafe kwa pele ka dikakanyo le tebelopele. Kkgosi o rera le morafe wa gagwe. Itikaganyetse ka batho ba ba ka go thusang go aga morafe,” Kgosi Puso a laya.
A re peo ya ga Kgosi Manthe ke tshimolodiso ya bokamoso jo bosha jwa Mmopane le loeto le lesha go etelela morafe, mme a seo se tshwanetse go tlisa popagano e ntsha mo motseng.
“Leina le lentle mo bogosing le a itirelwa, se lebale Modimo, tsamaya le ene, ke ene mogakolodi mogolo wa gago,” Kgosi Puso a kgothatsa.
Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena ene o mo gakolotse fa rraagwe a diretse morafe ka boleele, mme a mo eleletsa masego ao mme a bu saka lorato le kagiso.
A re o mo eleletsa katlego mo setilong sa gagwe sa bogosi le go nna le botlhale jwa go direla morafe wa gagwe tse di molemo ka seo se ka thusa gore a itirele motlhala o o nonofileng.
Malomaagwe Kgosi Manthe, Rre Kagiso Mogopodi, a re o neilwe setilo sa boikarabelo jo botona mme setilo seo, se maoto a mane a a rayang ene e le kgosi, borangwaneagwe rraagwe, borangwane le morafe.
A re manno a sone ke kgotla ya Mmopane ka jalo morafe o tshwanetse o mmone kwa kgotleng.
Rre Mogopodi a re Kgosi ga a na mophato, mophato wa yone ke morafe ka jaana a lekana le morafe otlhe.
Mopalamente wa Mmopane/Metsimotlhabe, Mme Phushie Manyeneng, o lebogisitse Kgosi Manthe a bo a rotloetsa morafe wa Mmopane go mo ema nokeng.
E rile a amogela thomo, Kgosi Manthe o supile fa a utlule sentle ditaelo le dikgakololo go tswa mo magosing le batsadi ba gagwe.
A re o ya go dira mmogo le morafe wa Basikwa gore ba age Mmopane mmogo.
O kopile morafe go tswelela ba mo fa dikgakololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mmopane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Sep 2026





