Breaking News

Twantsho Tshenyetso Setshaba e Tlhoka boeteledipele

14 Sep 2026

Baeteledipele ba na le boikarabelo jo bo tona jwa go netefatsa gore tshenyetso setshaba e a lwantshiwa mo maphateng a bone.

Modiri wa lephata la twantso tshenyetso setshaba, Mme Gaolatlhelelwe Kebalepile o boleletse baeteledipele ba maphata a puso kwa kgaolong ya Mabutsane gore ba tshwanetse go nna le seabe go tswala diphatlha tsa tshenyetso setshaba mo ditsamaisong tsa puso.

O buile jalo kwa thuto-seka-dipuisanyong ya ditlhogo tsa maphata, e e leng bontlha bongwe jwa letsholo le le tsweletseng ka go tsibosa le go rutuntsha ka tshenyetso setshaba.

A re e re ntswa dithuto tse di tseneletseng ba di lebagantse le dikomiti tsa tshenyetso setshaba, go botlhokwa gore baeteledipele ba maphata a a farologanyeng le bone ba itse seabe sa bone ka jaana ba filwe boikarabelo jwa go tlhokomela dithoto tsa puso.

O tlhalositse fa go thibela tshenyetso setshaba e le gone go siameng fa go tshwantshanngwa le go e lwantsha e setse e diragetse, a supa fa ditlhotlhomiso tsa mofuta oo di turela puso.

Ka jalo, o supile fa ba tshwanelwa ke go nna podi matseba gore ba kgone go tswalela tshenyetso setshaba kwa ntle ga ditsamaiso tsa puso, go simolola ka go e lemoga, go e kganela le gone go rarabolola dikgang tsa mofuta oo ka go tsaya dikgato tse di maleba le gone go tswala diphatlha tse di ka e godisang.

A re ba itemogetse fa gantsi tshenyetso setshaba e diragala mo makalaneng a phiro, theko, diteseletso le kwa go tshwarwang madi teng.

Mme Kebalepile o ba rotloeditse go nna sekao mo badiring ba ba ba eteletseng pele ka go totla melao le ditsamaiso tsa pereko le gone go netefatsa gore ga ba nne le botsalano jo bo botlhabetsi mo tirong le bone.

A re mo godimo ga go tlhama dikomiti tsa twantsho tshenyetso setshaba, maphata a tshwanetse go nna le ditsela tse ba di dirisang tsa maloba-tsebe di tshwana le megala ya mahala.

O gakolotse gape ka botlhokwa jwa go bega le go kwadisa dimpho e le ntlha nngwe ya go tswalela tshenyetso setshaba kwa ntle, le gone go direla dimpho tseo motlhala.

A re fa baeteledipele ba ka ema nokeng maiteko a go lwantsha tshenyetso setshaba go ka fokotsa ditshenyegelo tsa puso mme e bile ga busetsa serodumo le go tshephagala ga maphata a puso mo setshabeng.

O ba kopile go nna sekao ka go nna boammaaruri mo tirong le gone go supa fa dikgatlhego tsa bone di gotlhagotlhana le ditirelo tse ba di fang setshaba.

A re moeteledipele wa boammaaruri o tshwanetse go tsaya boikarabelo, go nna boikanyego le gone go direla setshaba ka botswapelo, e seng go dirisa maemo a gagwe go ikhumisa ka dithoto tsa setshaba. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Phuthego

Date : 14 Sep 2026