Puso ga e tlhome Kgosi
14 Sep 2026
Go tlhongwa ga Kgosi mo motseng, ke boikarabelo jwa ba ntlo ya bogosi le morafe e seng puso kgotsa lephata la dikgaolo le tsa ngwao.
Fa go na le phatlha e e tlhokang go kabiwa ya bogosi, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo le ditsamaiso tse di tshwanetseng, go ya ka fa bogosi jwa motse bo tsamayang ka teng.
Se, se tlhalositsewe ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ignatius Moswaane jaaka a ne a tshwere phuthego ya kgotla kwa Moroka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng.
A re se Lephata la Dikgaolo le tsa ngwao le se dirang, ke amogela le go rurifatsa leina ga mmogo le go diragatsa dithulaganyo tse dingwe tsa semmuso fa morafe o sena go dumalana le go wetsa dithulaganyo tsa one.
Mothusa tona o tlhalositse jalo morago ga gore banni bangwe ba batle go itse ka dithulaganyo le ditsamaiso tse di dirwang mabapi le tsa bogosi, morago ga go tlhokafala ga Kgosi ya bone, Kgosi George Moroka ka kgwedi ya Seetebosigo monongwaga.
Rre Moswaane a re merafe mo metseng e tshwanetse ya tlhaloganya ka fa bogosi jwa bone bo tsamayang ka teng, a supa fa go na le bogosi jwa matsalo jo bo nang le ditso le jo bo senang ditso, jo morafe mo motseng o itlhophelang mongwe go ka ba etelela pele.
Ka jalo, a re o na le tumelo ya gore ba ba maleba ba tlaa ikopanya le ba ntlo ya bogosi go utlwa ka fa ba ithulagantseng ka teng le ka ditsamaiso tsotlhe tsa bone.
Mo go tse dingwe, Rre Moswaane yo gape e leng mopalamente wa Francistown West, o gwetlhile ba Moroka go ikemela ka dinao, ba inaakanye le mananeo a puso ka go farologana, a a ka ba thusang go dira sengwe se ba ka itshetsang ka sone le go tlhabolola matshelo a bone.
O ba gakolotse gore fa ba sa bone thuso e e tshwanetseng mo diofising mabapi le ditirelo ka go farologana, ba tlhomamise gore ba sala morago ditsela tsotlhe tsa go ikuela go fitlhelela ba goroga kwa ofising ya ga molaodi kgotsa gope fela kwa go maleba, go na le go ineela.
A re puso e tlhama mananeo ka go farologana, ka maikaelelo a go leka go lwantsha lehuma mo bathong, ka jalo go mo maruding a bodiredi le setshaba go a diragatsa le go a latedisa.
Rre Moswaane a re go ngomola pelo go bona batho ba itlhokomolosa ditsamaiso tsa maloba, tse ba neng ba ijesa ka go iterela ka diatla, ka moo o kopile Batswana go fetola ka fa ba akanyang ka teng mme ba tsosolose mowa oo, wa go iterela go na le go nna ba kopa sengwe le sengwe.
A re temo-thuo ke sengwe sa dilo tse ba ka di ikanyang, a supa ba ka ijesa ka yone le go tlhamela ba bangwe mebereko.
O tladitse ka go supa fa go sa lebana go bona lefatshe leno le santse le ikaegile bobe ka ditswatemong gotswa kwa mafatsheng a sele, go na le gore di itemelwe mono.
Mothusa tona o ne a iteela legofi bagolo ba Moroka go bo ba ne ba tsene phuthego eo ka dipalo tse di kwa godimo, a re fela sebe sa phiri ke go bo banana ba santse ba le maoto a tshupa go tsena diphuthego tsa kgotla.
A re banana ba tshwanetse go tlhaloganya fa kgotla e le boremelelo jwa ditlhabololo tsa motse le dikgang dipe fela tse di ka amanang le matshelo a bone.
Ka jalo o ba gakolotse kgatlhanong le go ikaega thata mo dipegong tsa maranyane a Facebook, mme ba iteke lesego mo ipapatsong ya ditiro mo maphateng ka go farologana.
Fa a tshwaela mabapi le dithulaganyo tsa bogosi, mogokaganyi wa ditirelo tsa makgotla a Setswana kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Gaopalelwe Zimbizi o boletse fa mo phularong ya ga Kgosi Moroka, ba ne ba dira dithulaganyo tsotlhe tsa ka fa motse oo o tlaa namang o thusiwa ka teng ka tsamaiso dingwe tsa bogosi, pele go thibiwa phatlha.
Mme Zimbizi a re go dirilwe thulaganyo ya gore Kgosi Tapson Jackalas wa Jackalas No 1 a name a thusa go tsamaisa ditsheko tse di teng kwa Moroka.
A re gape ka motse oo, o sena mokwaledi wa kgotla, bakwaledi ba dikgotla tsa Jackalas No 1 le Ramokgwebana ba tla nama le bone ba thusa koo ka go amogana, pele phatlha ya mokwaledi e thijwa.
O supile gore go setse go simolotswe go dirwa dithulaganyo tsa go thiba phatlha ya mokgweetsi wa kgotla ya motse oo.
Banni ba Moroka ba ne ba lekodisa mothusa tona ka matshwenyego a bone ka go farologana, a akaretsa go tlhorontshiwa ke ditlou, dituelo tse di kwa godimo tsa tiriso ya metsi, dikgang tsa boagedi le tse dingwe tse ba boletseng di ba jesetsa mo kgobedung. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Sep 2026







