Breaking News

Bakaa ba kgobokanyetsa kago ya leobo

11 Sep 2026

Badiragatsi ba tsibogetse mokgosi wa ga Mohumagadi Mmasetshwano Mosinyi ka go dira moletlo le maitiso a ngwao go kokoanya madi a tla thusang go aga sesha leobo la kgotla kwa Bokaa mo kgaolong ya Kgatleng.

Letsatsi la go supa ngwao le maitiso a akaretsang ditlhopha tsa mmino wa setso le tse dingwe ka go farologana a tshwarwa ka Matlhatso kwa lefelong le le tlwaelesegileng go bidiwa Small Dam. 

Mohumagadi Mosinyi o tlhalositse gore maikaelelo a moletlo o, ke go kgobokanya P100 000, e le madi a thusang go aga leobo la kgotla le le tla lopang P700 000.

A re go agiwa sesha ga leobo go dirwa ka mowa wa boipelego le tshwaragano, ka jalo ke tiro e tlhokang seabe sa botlhe. 

Tiro ya kago sesha ya leobo e tla jaana morago ga gore le rore le sena go jewa ka molelo ngogola ka kgwedi ya Lwetse.

A re leobo la kgotla le botlhokwa ka gore le mo lefelong le e leng pinagare ya motse, kwa morafe o kokoanang teng go tsaya ditshwetso tsa botlhokwa.

Mme Mosinyi a re o kopa kemonokeng ya morafe wa Bokaa, dikompone le Batswana ka kakaretso go thusa mo tirong ya go aga leobo la kgotla.

O tlhalositse gore sebui segolo kwa moletlong wa ngwao o dirisiwang go kokoanya madi, ke mohumagadi wa Batlokwa, Mme Thandie Gaborone.

“Maikaelelo magolo ame ke le mohumagadi wa Bakaa mo Bokaa, ke go bona morafe wame o bopaganye o le seopo sengwe, o tshegeditse ngwao,” ga tlhalosa Mme Mosinyi.

Mongwe wa barulaganyi ba moletlo o, ebile ele mongwe wa badigatsi, Rre Thato ‘Mtizman’ Moagi, a re ditiragalo tsa letsatsi le e tlaabo ele dikhwere, metshameko ya bana, go palangwa dipitse le dikuta, thekiso ya dijo le dino tsa Setswana le mmino wa Setswana le wa sesha.

Moletlo o tla simolola ka nako ya lesome le motso mo mosong go fitlha ka letsatsi la Tshipi ka kagaisano ya motshameko ya kgwele ya dinao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Bokaa

Event : Moletlo wa ngwao

Date : 11 Sep 2026