Hunyepa o akgola barutabana
11 Sep 2026
Mopalamente wa Tati West, Rre Justine Hunyepa a re barutabana ba tshwanelwa ke go akgolwa go lebilwe seabe sa bone mabapi le go aga bokamoso jwa baithuti.
Rre Hunyepa, yo gape e leng motshwarelela tona wa lephata la tlamelo ya bana le thuto go tswa kwa moding o buile jalo jaaka a ne a etetse dikole tse di potlana tsa metse ya Pole le Mosojane bosheng. O ne a nna le bokopano le bodiredi le dikomiti tsa batsadi le barutabana ba dikole tseo,
A re barutabana ba dira tiro ya bone ka boineelo le botswapelo, go supa fa ba na le maikaelelo a go neela bana lesedi la thuto, e a boletseng e le yone selotlolo sa bokamoso jwa mongwe le mongwe.
Tona a re ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho ka go farologana le diemo tse di thata, barutabana ga ba nke ba phuaganya tiro ya bone, mme boemong jwa moo ba supa boitshoko le go bereka ka thata ba itepatepantse le diemo tseo.
Ka jalo, Rre Hunyepa o ne a ba gwetlha go tshwara fela jalo, a supa fa puso e tsweletse ka go sekaseka mabaka mangwe a bone a pereko le go baakanya dikago tsa dikole, go akarediwa le matlo a bone a boroko.
O ile a akgola bodiredi jwa dikole tseo a re ba tsweletse ka go ntsha maduo a a nametsang go ya ka go tlhatlologana ga dingwaga, a tlatsa ka go rotloetsa tshwaragano le gore fa ba na le dipharologanyo dingwe ba leke go di rarabolola, pele ba ka di fetisetsa kwa pele.
Fa a itebaganya le tsa khudugo ya barutabana, Rre Hunyepa a re le fa mo mabakeng mangwe ba isiwa go ya go berekela kwa ba eletsang teng, fela ba tlhaloganye gore go le gantsi ba isiwa kwa tiro e ba tlhokang teng.
Mo go tse dingwe, o supile letshwenyego mabapi le maitsholo a a sa kgatlhiseng a bana bangwe mo dikoleng, ka jalo a rotloetsa tshwaragano gareng ga batsadi le barutabana, go leka go ba busetsa mo tseleng ya tshiamo.
O boletse fa go tsosolosa mekgatlho e tshwana ya Scripture Union, masupa tsela, mmino wa setso (4B), metshameko, ga mmogo le moopelo mo dikoleng go ka thusa go suga bana.
Mogolwane kwa lephateng la thuto mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Dr Salini Befallen o ne a itsise bokopano ka diphetogo tse di tlaa nnang teng mabapi le ditlhatlhobo tsa lokwalo la bosupa, tse di tlaa gogelang kwa go khutliseng gotlhelele ditlhatlhobo tseo.
Dr Bafaneli o boletsetse fa monongwaga ditlhatlhobo tseo le go tshwaiwa ga tsone go tlaa tswelela jaaka gale mme mo ngwageng o o tlang di tlaa tshwaelwa mo dikgaolong go na le go romelwa kwa Gaborone jaaka go tlwaelesegile.
O tsweletse a tlhalosa fa go simolola ka ngwaga wa 2028, ditlhatlhobo tseo tsa makgaolakgang tsa lekwalo la bosupa di tla bo di khutla, di sa tlhola di kwalwa gotlhelele.
Batsena bokopano ba ne ba lekodisa Rre Hunyepa dikgwetlho tse ba nang le tsone ka go farologana, bangwe ba supa botlhokwa jwa go isiwa go o ikoketsa dithuto gore ba kgone go itepatepanya le diphetogo le dinako tsa se-gompieno, ba bolela fa go ka ba thusa go ntsha maduo a a nametsang.
Bagokgo ba dikolo tseo tsa Pole le Mosojane, Mme Topee Mokwadi le Rre Kaelo Daniel ka go latelelana ga bone, ba ne ba kaya fa dikole tsa bone di ntsha maduo a a nametsang Niagara le ngwaga. Ba ne ba itela kwa go Rre Hunyepa ka seemo se ba boletseng se sa itumedise sa dikago tsa dikole tseo le matlo a boroko jwa barutabana, ba supa fa di tlhoka dipaakanyo tse di tseneletseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MOSOJANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Sep 2026





