Breaking News

BA Sesung ba tlhomamisa Kgosi

11 Sep 2026

Morale wa Sesung o tlaa tshwara moletlo wa tlhomamiso ya ga Kgosi Mme Lebang Dinake wa motse wa Sesung kwa kgaolong ya GaNgwaketse, kwa kgotleng ya Sesung tsatsi jeno.

Moletlo o, o tla morago ga gore Kgosi Dinake a rolelwe morafe wa Sesung semmuso ke Moemela Kgosi yo mogolwane wa Bangwaketse Kgosi Kwelagobe Mookodi Ferikgong a le lesome le botlhano ngwaga yoo fetileng.

Kgosi Dinake o ne a tlhatlhama mogolowe e bong Kgosi Basimanyana Dinake yo o tlogetseng tiro ka bogodi morago ga go goga morafe wa Sesung dingwaga di ka tshwara masome a mabedi.

Go ya ka mmuelela bogosi kwa motseng wa Sesung, Rre Nwofia Dinake, Kgosi Dinake ke ene Mme wa ntlha go bewa mo ditsong tsa bogosi jwa motse oo jaaka fa go busitse bo Rre go tloga ka Kgosi Mosimaneotshosa Dinake yo o neng a latelwa ke morwae Basimanyana Dinake yo jaanong a roletseng kgaitsadie, Kgosi Lebang Dinake.

Kgosi Malope II wa GaNgwaketse le Mohumagadi Masetsebi Gaseitsewe, Kgosi Moemedi Telekelo, Moemela Kgosi yo Mogolwane Rre Kwelagobe Mookodi ba solofetswe go tsenea moletlo. BOPKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : MOLETLO WA GO TLHOMA KGOSI

Date : 11 Sep 2026