Breaking News

Boko o thologa ba Sbrana mokgosi

10 Sep 2026

Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Kaone Boko ga a jesiwe diwelang ke tiriso ya ditagi mo bananeng tse di felelang di baka bolwetse jwa tlhaloganyo.

O buile se fa a ne a ile go ipega kwa kgotleng ya Peleng kwa Lobatse ka Labobedi, pele ga tiro ya go ribolola lefelo le a nnileng le karolo ya go le tlhabolola ka maikaelelo a go thusa balwetse kwa Sbrana Psychiatric Hospital.   

A re tiro e, o e dira ka fa tlase ga lenaneo la ofisi ya gagwe la MPEPU, mme gompieno a itebagantse le go thusa bana kgatlhanong le tiriso ya ditagi. 

Mme Boko o ne a supa gore mo lenaneong leo, o itebagantse le go thusa banana ba ba tsholang bana ba santse ba le kwa tlase ka dingwaga, le go thusa banana ba ba dirisang ditagi gareng ga tse dingwe. 

O tlhalositse gore morago ga go utlwa mokgosi mabapi le letlhoko kwa Sbrana Psychiatric Hospital, ba ne ba kopa dithuso tse di maleba go bona gore lefelo le a baakanngwa gore ditebego tsa lone di tsisetse balwetse pholo e ba e tlhokang. 

Mme Boko a re banana ba tshwere bothata ka jaana bagolo bangwe ba ba senang boikarabelo ba a ba dirisa mme ba ba tshodise bana, e re morago ba ba phuaganye. 

A re, e re ka ngwana a ne a solofetse go le go ntsi mo mokapelong yoo wa mogolo, fa a mo tlogela seo se kgona go babalela maikutlo a gagwe phetelela mme go felele go ama le tlhaloganyo ya gagwe. 

Fa a amogela Mohumagadi wa ga Tautona, Kgosi Tebogo Kemoabe wa Peleng o mo roletse gore mo toropong ba tshwenngwa ke boimana jwa bana jo bo dirwang ke botsalano jwa tlhakanelo dikobo fa gare ga bagolo le bana. 

Kgosi Kemoabe a re kgokgontsho ya bong e ile magoletsa kwa toropong eo. A supa gore go itemogelwa fa bomme ba na le seabe ka go rotloetsa kgokgontsho ya bong ka go boela dikgang morago. 

A re seo, se dira gore dikgang di kekele ka batswa setlhabelo ba bontsi jwa bone e leng bomme ba tshelela mo letshogong fa bangwe ba felela ba bolawa ke borre bao.

Kgosi Kemoabe o ne gape a rolela Mme Boko gore ba tshwenngwa ke dikgang tsa tiriso ya ditagi tse di borai tse di rekisiwang e bile di rekisetswa bana kwa dikoleng. 

A re bana bao ba felela ba tshwakgoga mme di felele di ba ama tlhaloganyo ka bangwe ba felela ba le kwa Sbrana Psychiatric Hospital.

A re go atile gore Mme le Rre ba age lelwapa ba sa nyalana, a supa gore dikgang tsa kgokgontsho ya bong di bakiwa ke thulaganyo eo, ka bomme ba ba tswang mo malwapeng a mofuta o ba goroga kwa makgotleng go ikuela. 

Ka jalo o ba rotloeditse gore ba tsenelele lenaneo la Re-A-Nyalana go aga lelwapa ka fa molaong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Kaone Boko

Date : 10 Sep 2026