Breaking News

Go ema kgosi nokeng ke go aga morafe

09 Sep 2026

Tirisano fa gare ga kgosi le morafe ke motheo wa go aga motse o o nonofileng, ka gonne boeteledipele bo ka atlega fela fa morafe o ba ema nokeng, ba ba gakolola le go nna le seabe mo ditlhabololong tse di ba amang.

Se se builwe kwa Sehithwa ka Labotlhano fa morafe o amogela Kgosi Keokeditswe Dithapo mo setilong sa gagwe kwa kgotleng.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, Kgosi wa Bothatogo, Kgosi Tjazako Munduu o rile morafe o kopane go amogela Kgosi Dithapo mo setilong sa gagwe se se mo tshwanetseng, a re moletlo ke sesupo sa boitumelo le tshwaragano ya morafe.

“Go ema kgosi nokeng re le morafe go supa botlhale le ponelopele, ka go nne kemo nokeng ya morafe e nonotsha bogosi go bona ditharabololo tsa dikgwetlho tse di amang motse,” a rialo Kgosi. 

O gateletse gore morafe o tshwanetse go tsaya karolo mo ditirong tsa bogosi, a re tirisanyo mmogo ke yone tsela ya go netefatsa gore maiteko a boeteledipele a fetoga ditlhabololo tse di solegelang baagi molemo.

Fa a tswa la gagwe, Rre Charles Madise o gateletse botlhokwa jwa go ema boeteledipele nokeng le go gakolola bogosi, a re morafe o o dirang jalo o thusa go aga tshaba e e nonofileng. 

A re go gakolola bogosi ga go a tshwanela go tsewa e le go nyatsa boeteledipele, mme ke karolo ya maikarabelo a morafe mo go netefatseng gore bogosi bo nna le kitso ka dikgwetlho tse batho ba lebaneng le tsone. 

Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi, Rre Noah Salakae a re tirisano mmogo e supa botho jwa moeteledipele, a tlhalosa Kgosi Dithapo e le motho yo o nang le mowa o o iketlileng. O rile boikokobetso le go iketla ke dingwe tsa dinonofo tse di supang botlhale le boeteledipele jo bo tlhwatlhwa, mme a rotloetsa Kgosi Dithapo go tswelela jalo gore a kgone go direla morafe wa gagwe sentle.

“Boikobo jwa gago bo netefatsa botlhale mme seo se tlaa go nonotsha go direla morafe,” ga bua jalo Mopalamente Salakae.

Kgosi ya Goo- Seetso mo Maun, Kgosi Gakemoeng Molaletsi o ne a lebisa molaetsa wa gagwe kwa maikarabelong a a tlang le setilo sa bogosi, a gakolola Kgosi Dithapo go nna kelotlhoko mo go buseng morafe. 

O mo rotloeditse go ikaega ka thapelo le go kopa botlhale mo Modimong gore a kgone go busa ka tekatekano ka dinako tsotlhe.

“Le fa motho a go file podi kana kgomo ga go tsena mo tirong ya bogosi o beela kgakala dilo tsa go nna jalo e le go supa tekatekano mo morafeng,” a gakolola.

Moemela Kgosi ya Batawana, Kgosi Oleyo Ledimo, o gateletse fa tirisanyo mmogo  fa gare ga Kgosi le morafe e tlhoka bopelotelele.

A re go bereka le morafe go tlhoka go reetsana, go tlhaloganyana le go naya mongwe le mongwe sebaka sa go nna le seabe, ka motse ga o ka ke wa agiwa ke motho a le mongwe.

Kgosi Keokeditswe Dithapo o ne a leboga morafe, ditsala le ba lelapa ka tirisanyo mmogo le kemo nokeng e ba mo neileng yone, a re o leboga morafe go bo ba eme le ene mo loetong lwa gagwe lwa boeteledipele. 

O rotloeditse morafe go nna le seabe mo go godiseng motse, a re tlhabololo ya Sehithwa e tlhoka seabe sa botlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaolethoo Kgatitswe

Location : Maun

Event : PEO YA KGOSI

Date : 09 Sep 2026