THAPELO KE MATLA
08 Sep 2026
Modulasetilo wa lekgotla la baruti mo Kgaolong ya Tsabong moruti Ruben Mosimenyane o gwetlhile diphuthego tsa dikereke ka go farologana go tshwaragana ka thapelo ka e le yone makgona tsotlhe go ka fetola diemo, bogolo jang fa ba na le tshepo le tumelo mo go Ramasedi.
O buile jalo kwa tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo ya Lwetsi e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Tsabong.
O boletse fa tshimolodiso e, e bulela merapelo e e tlaa tshwarwang mo diofising tsa puso le mo metseng ka go farologana mo kgaolong ya Kgalagadi borwa le dikgaolo lefatshe ka bophara, morago ga gore puso e seegele kwa thoko kgwedi eno e le ya merapelo.
Mo potsolosong o boletse fa diphuthego tsa dikereke ka go farologana di tlaa bua ka lentswe le le lengwe go kopa Ramasedi go fedisa diemo tsotlhe tse di leng teng e bile di kgolereletsa matshelo a batho, a tlatsa ka gore Modimo ke ene botshabelo.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo Moruti Mosimenyane o ne a tlhalosa fa e le go buisana le setshaba ka bolwetsi jwa AIDS le mogare wa HIV le ditlamorago tsa jone.
O boletse fa morago go ne ga lemogwa fa go le botlhokwa go akaretsa malwetsi a a sa tshelanweng, dikotsi tsa tsela, tiriso botlhaswa ya diritibatsi, kgokgontsho, go rapelela Pula ka e le yone botshelo, kagiso le matshwenyego a mangwe a a sa jeseng diwelang mo lefatsheng leno.
Moruti Mosimenyane o ne a tlhalosa fa maikaelelo a mangwe e le go bopaganya dikereke ka thapelo ka e le maatla e bile di tsena tsotlhe mo seatleng sa Morena.
Fa a tswa la gagwe Moruti Kabelo Mantaga wa UCCSA o ne a supa fa setlhogo sa ngwaga ono e le “A go nne le botshelo, John 10 verse 10,” a tlhalosa fa gape pulo semmuso eo e ne e bulela baruti go tsena mo dikgorong tsa diofisi MO maphateng a a farologanyeng go rapelela tsotlhe tse di tshwenyang mme a kopa boeteledipele jwa maphata go amogela ka tsoopedi barongwa bao.
O ne a gwetlha baruti go tswelela ba kgothatsa diphuthego kwa dikerekeng ka masula otlhe a a sa ba robatseng le gone go ba sidila maikutlo ka le bone e le diphuthego, bangwe ba bone ba iphitlhela ba amega mo masuleng ao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Sep 2026






