Breaking News

Banni ba kopa maranyane a smartbots

08 Sep 2026

Banni ba Mokukgwane ba kopile go gokelwa maranyane a smartbots go tokafatsa ditlhaeletsano. Ba buile se kwa phuthegong ya kgotla ka Labobedi e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tswapong North, Rre Prince Maele.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Monkgogi Moswanti a re go lebega motse wa bone o lebetswe ka ba sale ba letile go tsenyetswa maranyane a smartbots. Rre Moswanti a re metse yotlhe e e mabapi e tsenyeditswe maranyane a mme bone sale ba ikuetse gore le bone ba tlhoka go tokafaletswe maranyane a ditlhaeletsano, mme nako kgolo ke eno.

A re morafe wa Mokungwane o tlhokana le ditlhabolo, segolo bogolo tokafatso ya ditlhaeletsano ka go gokelelwa maranyane a sesha, ka a le bofefo. 

Rre Moswanti a re banana ba tlhoka maranyane, gore ba kgome go batla ditiro go na le go nna fela mo motseng le go gobeya mo mebileng. 

Rre Moswanti a re mo malatsing a segompieno gore o bone ditiro kana go iteka lesego mo go sepe fela sa go tokafatsa botshelo go tlhokana le maranyane.

A re maranyane a tlhofofaletsa tiro le ba ba nang le keletso ya go ikoketsa dithuto, a supa gore mo dikoleng tsa segompieno motho a kgona go tsena sekole a bo a se fetsa a dirisa maranyane. O tsweletse a supa fa le dikgwebo tsa gompieno di tlhokana le maranyane go rekisa le go bona bareki .

Fa a tswa la gagwe mongwe wa banana ba motse, Mme Unity Mosweu a re tlhaelo ya maranyane e ba paledisa le gone go ikopela mananeo mangwe a puso a a ka thusang go tokafatsa matshelo le go ba tlhamela ditiro.

A re banana ka bontsi kwa Mokungwane ba tlelwa ke boitlhobogo ka gore bontsi jwa bone ga ba bereke, ba ikaegile ka lenaneo la Ikageng go kopanya mabaka a botshelo. 

O kopile gore seemo se se potlakelwe gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone le go tlisa tsholofelo ka bontsi ba itlhobogile.

Mopalamente Rre Maele o supile fa a tlhaloganya ebile a utlwa selelo sa bone, ka jalo a tla tsaya nako go batlisisa ka sone. 

Le fa  go ntse  jalo, o ba tlhomamiseditse gore motse wa bone o mo lenaneong la gore o tsenyetswe maranyane a Smartbots ka legato la Phase 4, go dirisiwa maranyane a seemo se se kwa godimo a Starlink. O tsweletse are tsholofelo ke gore a gokelwe mo nakong e sa fediseng pelo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Amantle Onneng

Location : MOKUNGWANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Sep 2026