Breaking News

Tsheka tsheko ya molao wa bana e tsweletse

08 Sep 2026

Banni ba kgotlana ya Ikageleng kwa Selibe Phikwe ba rotloeditswe go tsaya karolo mo go tokafatseng molao wa ditshwanelo tsa bana. Mogolwane wa Child Line Botswana, 

Rre Olebile Machete o tlhalositse fa ba tsweletse ka morero wa diphetogo tse di akantsweng mo molaong wa ditshwanelo tsa bana, maikaelelo e le go o nonotsha go tlhomamisa tshireletsego, tlhokomelo le botsogo jwa bana.

 Ba lekgotla la tshireletso ya bana le ba lephata la thuto ya bana go tswa kwa moding ba boloditse letsholo la go batla megopolo mo setshabeng mabapi le tsheka-tsheko e e tsweletseng ya go baakanya molao wa tshireletsego ya bana.

 Rre Machete o tlhaloseditse ba  Ikageleng ka Labobedi, fa go le botlhokwa gore batsadi ba nne le seabe mo go bopeng melao e sireletsang bana, ka gore ba na le seabe se se tona mo go logeng motheo wa kgodiso ya bana.

 A re molao wa tshireletso ya bana o seka-sekwang o sala o o dirilweng ka 2009 mme ditsetlana dingwe mo molaong o, di setse di siilwe ke nako.

Ka jalo, Rre Machete a re o tlhoka gore o seka sekwa gore o tsamaelane le dikgwetlho tsa matshelo a gompieno go aga ngwana yoo nonofileng e bile a na le boikarabelo.

Mmaboipelego mo khanseleng ya Selebi Phikwe, Mme Boitumelo Thintela o supile fa ditsetlana dingwe tsa molao di siilwe ke nako fa go lebilwe matshelo a gompieno.

O tlhalositse fa go le botlhokwa gore molao wa ditshwanelo tsa bana o tsamaelane le boikarabelo jwa bone ka e le bone bagogi le baetedipele ba kamoso.

O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go dirisa maranyane fa ngwana a ntsha bosupi mo lekgotleng la ditsheko, ka gore seemo sa nako eno, se ngwana a tlang mo kgotleng ya ditsheko se ka dira gore a palelwe ke go rola bosupi a phuthologile.

Mme Thintela a re ba ba bonwang molato kgatlhanong le bana jaaka petelelo, ba tshwanetse go gagamadiwa phogwana ka go phatlalatsa maina a bone le gone go atlholelwa loso.

Mongwe wa batla-pitsong, Rre Abale Ketsitlile a re le fa go le botlhokwa gore ditshwanelo tsa bana di seka tsa gatakwa ka dinao, go elwe thoko gore molao ga o paledise batsadi go kgalema bana.

A re molao o tshwanetse wa neela batsadi thata le maikarabelo a go godisa bana ba ba nang le bokamoso. 

Rre Ketsitlile o tlhalositse fa go le botlhokwa gore tshidilo maikutlo e nne teng mo molaong o o tlaabong o dirwa ka mo malatsing a gompieno go diragala dilo tse di utusang botlhoko mo matlhong a bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Sep 2026