Breaking News

Seemo sa itsholelo se a nametsa - Maele

08 Sep 2026

 Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Bokone, Rre Prince Maele, o lekodisitse banni ba kgaolo fa seemo sa itsholelo se nametsa.

Mo nakong e e fetileng, o ne a lekodisa banni fa itsholelo ya Botswana e le mo seemong se se sa itumediseng mme a tlhalosa fa mo bogompienong puso e lekile ka bojotlhe go duela dikoloto tse e neng e na le tsone.

Fa a lekodisa  banni  mo  diphuthegong tsa kgotla kwa Lecheng, Malaka, Mokungwane le Matlhakola, Rre Maele a re se, se supa tokafalo mme ga go ise go siame sentle ka go sa tshwane le nako e e fetileng e go neng go na le dikoloto di le dintsi. 

A re sebe sa phiri ke gore puso e tshwaragane le seemo se sengwe sa go duela dikoloto tsa dingwaga tse di fetileng tse di nnang di tlhagoga fa e le fale.

Rre Maele o tsibositse banni fa ba tepo loapi ba supile fa e tlaare go simolola Phalane go fitlha Mopitlo ngwaga o o tlang, go nne le mogote o o feteletseng le leuba mme a kopa banni go ipaakanyetsa seemo se.

A re fa go le mogote motho o tshwanetse a nwe metsi thata, a bo a supa fa ba tepo loapi ba tlhalositse fa pula e tlaa nna boutsana.

 Rre Maele o ne a lemotsha banni fa ba kile ba nna le tsholofelo ya gore sekole se sebotla se tlaa agiwa kwa Lecheng ka jalo a re ga se na go agiwa ntateng ya gore se se leng teng se na le dipalo tse di lekaneng mme se sa tlala ka jalo ba lephata la thuto ba supile fa go ka seka ga kgonagala gore se agiwe se se leng teng se sena dipalo tse dintsi tsa baithuti.

Fa a bua ka kgang e a supileng fa e tshwenya ya tlhaelo ya melemo kwa dikokelong, Rre Maele o ne a re puso e itse ka seemo se mme go na le sengwe se se dirwang gore seemo se se tsibogelwe mme banni ba seka ba fela pelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Sep 2026