Bakgatla ba ikemela ka dinao
03 Sep 2026
E ne ya re bosheng, banni ba ne ba kopana kwa Mmathubudukwane go similodisa kago ya terata ya selekanyo sa 183km, e e tlaa thibelang bolwetse.
Fa a bua kwa tshimolodisong eo, modulasetilo wa komiti ya kgaolo e e eteletseng letsholo la terata, Rre Kedikilwe Dikgang, a bolela fa ba tsweletse ka go kgobokanya madi le fa banni bangwe ba le maoto a tshupa.
A re le ntswa tiro e tswelela, ga go ise go lekane, mme dithuso tsotlhe di tlaa nna di fetisediwa kwa tirong eo go fitlhelela ba kgobokanya seelo se ba se ipeetseng.
O ne a kopa Bakgatla le setshaba go iteka gore ba diragatse tumalano ya bone go re metse yotlhe ya kgaolo e nne le seabe mo tirong ya go aga terata ya matlhoko a leruo.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi George Thwane wa Mosomane, o boletse fa ba tshwanetse go tsaya tiro ya go kgobokanya madi le go tsenya terata ya matlhoko a leruo ka tlhoafalo ka jaana kgomo e le yone e e tshetsang Batswana le gone go tshegetsa itsholelo e e tsweletseng ka go phutlhama.
A re gore go bo go na le dikgwedi di feta borataro go sa tlhabiwe dikgomo mo borwa jwa lefatshe leno, ke seru se segolo se se tshwanetseng sa fedisiwa.
Kgosi Thwane a re e re ntswa go ne go simolodisiwa terata ya boleele jwa 183km kwa botlhaba jwa Kgatleng, kwa bophirima gone, go tsweletse sentle le fa Kgatleng a kopanang teng le kgaolo ya GaMmangwato.
Ngaka ya matlhoko a leruo wa kgaolo ya Kgatleng, Dr David Kitosi o boletse fa morafe o tshwanetse go tswelela ka go itepatepanya le go aga terata ka jaana bolwetse bo santse bo le teng.
Dr Kitosi a re le ntswa ntwa e bolotse go lwantsha bolwetse, go santse go na le matlhasedi a bolwetse a a tsweletseng ka go tlhagoga mo dikgaolong dingwe bogolo jang kwa Barolong.
O rotloeditse morafe go tswelela ba tlhokomela leruo, ba tlhatlhela le go emisa go tsenya nama mo kgaolong ka bokukuntshwane.
Dr Kitosi o ba rotloeditse go dira dilo ka fa molaong, fa ba batla go reka nama kwa dikgaolong tse di letlelelwang go tlhaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Mmathubudukwane
Event : Tshimolodiso ya terata
Date : 03 Sep 2026






