Breaking News

Bomme ba ba itsholofetseng ba kgothadiwa go itlhatlhoba

03 Sep 2026

Ba botsogo kwa Lobatse ba supile matshwenyego ka bomme ba ba itsholofetseng  mme ba sa itse seemo sa bone sa mogare wa HIV. 

Matshwenyego a, a boletswe ke Dr Mimi Sedio yo e leng Family Physicia - Primary Health Care kwa khanseleng ya Lobatse ka letsatsi la go simolodisa kgwedi ya merapelo kgatlhanong le HIV/AIDS, malwetse a a sa tshelanweng, tiriso botlhaswa ya nnotagi le masula a mangwe a a aparetseng lefatshe. 

Dr Sedio a re bomme ba le lesome mo ngwageng ba kgona belega ba sa itse seemo sa bone sa mogare. 

A re seemo se, se paledisa go ka tlamela ngwana go re a seka a tsenwa ke mogare ka nako ya boimana le ya pelegi. 

O ne a kopa setshaba segolo jang ba ba nnang le bomme ba ba itsholofetseng go tsibogela go ba rotloetsa go itse seemo sa bone sa mogare pele ga ba ka ya go belega. 

“Maikaeleo a lefatshe ke gore masea a belegwe a sena mogare wa HIV,” a tlhalosa jalo.

A re bana ba le 147 ba ne ba belegwa ke bomme ba ba nang le mogare wa HIV, mme ka lesego, masea a fitlhetswe a sena mogare.

A re ka ngwaga wa 2025, toropo ya Lobatse e kwadisitse batho ba le 5 985 ba ba neng ba le mo lenaneong la diritibatsi. 

Fa a tlhalosa ka seemo sa mogare kwa Lobatse, Dr Sedio a re go anama ga HIV mo toropong eo go kwa tlase ga kanamo ya mogare ya Botswana ka kakaretso ka seelo sa 13% .

O supile fa bomme e le bone ba amegang thata go fetisa borre. A re dipalo tsa bomme ba ba tlhatlhobetseng mogare ke 18.9% fa tsa borre di le kwa tlase ka selekanyo sa 3%.

“Ka 2025/2026 go ne ga dirwa tlhatlhobo ya mogare wa HIV mo bathong ba ka tshwara 8 145 mo toropong, mme ba le 132 mo go bone ba tshwarwa ka mogare.”

A re fa go sekasekiwa dipalo tse, seemo sa tsone se kwa tlase thata fa go lebeletswe gore ngwaga mongwe le mongwe motho o tshwanetse go itse seemo sa mogare.

A re lenaneo la go lwantsha kanamo ya mogare le na le dikgwetlho di akaretsa go nna maoto a a tshupa, go itlhatlhobela mogare, le ba ba itlhatlhobelang mogare go setse go le thari. 

O ne a supa fa bodiphatsa jwa go tlhatlhoba thari go na le kgonagalo ya gore mogare o bo o setse o iphetotse go nna bolwetse jwa AIDS. 

Ka jalo o ne a kopa gore setshaba se tsibogele go itlhatlhobela mogare nako e le teng.

A re kgwetlho e nngwe ke bangwe ba ba reng ba lapisiwa ke go nwa dipilisi mo ba felelang ba di tlogela. 

A re seo se borai ka jaana se rotloetsa kanamo ya malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo.

 O tlhalositse fa seemo sa malwetse a tlhakanelo dikobo se tshwenya, a supa dipalo di ka tshwara 3 264 tsa ba ba tshwerweng ka malwetse ao, a  gakolola setshaba gore fa ba itemogela malwetse a, ba etele kwa bookelong go itsa go anama ga mogare ka bofefo.

Dr Sedio o gakolotse kereke go rotloetsa maloko go itse ka seemo sa mogare mo botsogong jwa bone le gore ba simolodise mekgatlho e e emang kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/ AIDS le gone go itshwaraganya le ba botsogo go thusanya. 

Fa a bua kwa tshimolodisong ya merapelo, Mothusa Molomaganya ditirelo tsa setshaba kwa lekgotleng la National AIDS and Health Promotion Agency (NAHPA), Mme Tebogo Hlabano a re koketsego ya malwetse a a sa tshelanweng mo Botswana ga e jese di welang.

O supile gore dintsho di le masome a matlhano le boferabobedi mo lekgolong di amanngwa le malwetse a a sa tshelanweng.

O tlhalositse fa HIV/AIDS e santse e le kgwetlho ya botsogo mo Botswana ka e tsweletse ka go ama setshaba. 

O tlhalositse fa mo bosheng go ne ga nna le diphetogo mo go tsibogeleng mogare wa HIV/AIDS ka ntlha ya dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya melemo le dithoto tse di dirisiwang go tlamela HIV/AIDS. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Tshimolodiso ya kgwedi ya merapelo

Date : 03 Sep 2026