Banni ba Metlobo ba batla tsela
02 Sep 2026
Ba boletse fa tsela eo e ba senyeditse dikoloi ba supa fa le dipalamo tsa setshaba di sa tlhole di le teng mo tseleng eo ntateng ya seemo sa yone.
Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Dr Edwin Dikoloti ka Mosupologo.
Tona Atamelang o supile fa tsela eo ya boleele jwa 250km e setse e diretswe moalo. O boleletse morafe gore tsela eo e mo ditogamaanong tsa NDP 12.
O boleletse morafe gore tsela eo ke nngwe ya tse di tlaa dirwang mo nakong e e sa fediseng pelo ka jaana e golaganya balemi le mmaraka, ka jalo a ba kopa go nna pelo telele.
Mopalamente wa pele Rre Patrick Ralotsia o supile fa go utlwisa botlhoko gore abo ba lema mme e re morago ba palelwa ke go isa thobo mmarakeng.
Banni ba supile fa go ngomola pelo ka jaana tsela eo e kile gatwe madi a yone a teng mme jaanong mo nakong ya gompieno go sena nko e tswang lemina.
Mokhanselara wa kgaolo Mme Lizzy Lekalabuswa le ene o supile fa tsela eo e tswa kgakala gotwe e tlaa dirwa mme le jaana ba ntse ba letile.
O ne a kopa gore bogolo go dirwe tsela fela e e ka felelang mo motseng fa go santse go emetswe go bona madi ka jaana 250km e le boleele jo bo tona.
Tona Atamelang o boleletse morafe gore puso e santse e batla methale e mengwe ya go e dira ka go dira tsela go le turu. A re ba tlaa leka le gone go bua le bagwebi gore gongwe mongwe o ka e ithaopela.
Banni ba kopile mopalamente wa kgaolo le tona ya ditsela gore bogolo ba ba fe nako ya gore tsela eo fa go padile e tlaa dirwa ngwaga ofe.
Mo go tse dingwe, ba kopile Tona Dikoloti gore a netefatse gore baruakgomo ba tsa bone di bolaiwang morago ga go tlola terata ya tlhako le molomo, ba sidilwe maikutlo ka jaana go bolaelwa leruo go se bonolo. Mopalamente Dikoloti o ne a abela banni dikobo di le lekgolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Metlobo
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Sep 2026






