Balete ba alosa mophato wa Mautlwakgosi
02 Sep 2026
Kgosi Mosadi a re go rupa ke go fa ngwana motheo o o nonofileng gore a nne le boikarabelo mo setshabeng.
O buile jalo ka Matlhatso kwa Ramotswa jaaka a ne a alosa mophato wa bomme wa Mautlwakgosi.
“Ke eme fano go phutholola gore ke le rolela mare mang. Re supa Mautlwakgosi a bomme, a ba eme ka dinao ba amogele leina la bone,” ga bua Kgosi Mosadi.
Go alositswe bomme ba ba ititeileng sehuba go somarela le go tumisa ngwao ya Balete ba le 36, ba eteletswe pele ke Tefo Otsetswe Sekolokwane, a thusiwa ke Mme Bakang Mogopodi le Mme Lerato Khudu.
“Barwa kgodumo, re alosa mophato wa bomme, basadi ba go ititaa dihuba ba re re a tsamaya, re ya go diragatsa, go babalela le go somarela ngwao ya rona,” ga tlhalosa Kgosi Mosadi.
O supile gore thulaganyo ya go rupa e tsamaisiwa ke bomme ba ba tsereng boikarabelo jwa go somarela ngwao ya Selete.
“Batlhokomedi ba bojale ba ne ba eteletswe pele ke Mme Gadifele Ramolapong. O tswa kgakala e le mongwe wa ba ba gogang dikole tsa Setswana, a diragatsa thomo ya Balete, a tshegeditse ditso le ngwao gore di seka tsa nyelela,” ga tlatsa jalo Kgosi Mosadi.
Kgosi a re batsadi ba tsepame mo kgodisong ya bana gore setshaba sa GaMalete le Batswana ka kakaretso ba bone tswelelopele.
Moletlo wa go alosa Bojale le go supa ngwao ya GaMalete o ne o tshwerwe ka setlhogo sa: Matlotlo A Rona, Mahumo A Rona, Ke Maikarabelo Ame, ka jalo Kgosi Mosadi a gatelela gore mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le seabe go sireletsa le go tlotlomatsa ngwao le setso.
A re go somarela ngwao go tlhoka tlotlo la boikarabelo.
Kgosi Mosadi a re bomme ba tshwanetse go ema ka dinao ba itirele gore ba kgone go godisa bana ba tsweledisa matshelo a bone ba sa ikaega thata ka borre.
E rile a bua mo boemong jwa molalediwa wa tlotla, Mme Ntombi Setshwaelo yo o neng a tshwerwe ke ditiro tse dingwe, Mothusa Kgosi ya BaGamalete, Kgosi Tsimane Mokgosi a re ba matlotlo go tsweledisa tsamaiso go somarela ngwao.
Kgosi Mokgosi a re bomme ba Mautlwakgosi ba aloga jaana morago ga go rutuntshiwa sebaka sa kgwedi ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya Makgajane, ba ba ka fa tlase ga taolo ya bahumagadi.
A re Mautlwakgosi ba tswa go abelwa kitso ya ngwao e feletseng, le maele a gore ba kgone go itshetsa le go rotloetsa tshwaragano le tswelelopele ya morafe.
“Ba rutwa go itirela gore ba kgone go itlamela le go itlhabolola.Ba rutwa botho gore ba nne bonolo, ba tshegetsane, ba gakololane le go thusana botshelo,” ga tlhalosa Kgosi Mokgosi.
Mongwe wa bahumagadi go tswa kwa Kgatleng, Mme Maruapula Pilane le ene o gateletse botlhokwa jwa go somarela ngwao.
A re merafe ya Balete le Bakgatla e santse e tshwere ngwao ya go kaela bana maele a botshelo go dirisiwa dikole tsa Setswana tsa bogwera le bojale go rupa.
“Ke solofela gore morafe o o mo lekgotleng o lemoga monate wa ngwao ka gore e bopa motho, e bile e lomaganya morafe. Go rupa go raya gore motho a ikitse, a nne le botho a farologanye le yo o sa rupang,” ga tlhalosa Mme Pilane.
Mme Pilane a re bomme ba ba alogang ba tswa go rutwa go tshela ka tsela e e faphegileng ka jalo ba tshwanetse ba ikgantsha ka ngwao ya bone, ba nne sekao mo setshabeng.
A re go botlhokwa gore bomme ba itirele ba sa ikaege ka borre. Le fa go ntse jalo, a re le fa mme a ikemela ka dinao a itirela, go botlhokwa gore ba tswelele ka go tlotla banna ba bone.
“Emang ka dinao le itirele, le na le diatla, le na le bokgoni le rutegile go nna baeteledipele ba mafatshe jaaka le bona kwa Namibia le Tanzania. Gape lona le sekao se se tshelang sa gore mme o ka nna moeteledipele wa motia jaaka le bona ka Kgosi ya lona,” ga tlhalosa Mme Pilane.
O gateletse gore ba eme ka dinao, ba dirise motheo wa popota o ba o filweng ke tsamaiso ya bojale go dira ditiro tsa morafe di akaretsa kgodiso ya bana e e lolameng le go bopaganya setshaba.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Ramotswa
Event : Kaloso ya mophato
Date : 02 Sep 2026





