Re A Nyalana e aga malwapa-Maele
01 Sep 2026
Lenaneo la Re A Nyalana le tsweletse ka go aga malwapa a batho ba ba ntseng lobaka mmogo ba sa nyalana.
E rile ka Labotlhano kgaolo ya Mahalapye Botlhaba e bo e tshwere moletlo wa manyalo a le lesome le botlhano kwa Shakwe.
Fa a bua kwa moletlong oo, Tona wa lephata la thuto e kgolwane Rre Prince Maele a re o ema nokeng lenaneo la Re A Nyalana, a re o dumela fa lenyalo le le botlhokwa e bile le naya motho seriti.
Rre Maele yo gape e leng Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong North o ne a lebogela mosimolodisi wa Re A Nyalana tiro e ntle e a e dirileng ya go aga malwapa a Batswana ba ba nang le lobaka ba nna mmogo mme ba sa nyalana.
A re o sa le a ratile lenaneo le, fa le simolola ka 2013 le go le ema nokeng ka jaana le thusa go hema dintwa tsa boswa fa mongwe wa baratani a tlhokafetse.
Rre Maele a re lenaneo le, le setse le nyadisitse batho ba ka tshwara 7 914, a tlhalosa fa lenyalo la Re A Nyalana e le lenyalo fela le le nang le seriti e bile le dirwa ka fa molaong wa lenyalo wa Botswana. A re mo manyalong a Re A Nyalana, ga gona lepe le le fedileng.
O kopile batho go tsenelela lenaneo le, a re ba seka ba kgobiwa marapo ke batho ba ba le nyenyefatsang.
Rre Maele a re lenaneo le ke la Motswana mongwe le mongwe, a tlhalosa fa banyalani ba ikana kwa ga molaodi mme ba fiwe ditlankana.
A re setlankana se botlhokwa ka jaana se sireletsa dithoto tsa banyalani, a tlhalosa fa go le gantsi boo-ra-monna ba rata go duba manyalo a banyalani.
O kopile masika go tswa mo manyalong a batho a supa fa lenyalo e le la batho ba babedi.
Mosimolodisi wa lenaneo le, Mme Motshidisi Morwaagole, o ne a tlhalosa maikaelelo a lone, a supa fa e le go nonotsha malwapa a a seng ka fa molaong ka go rotloetsa baratani go nyalana.
Mme Morwaagole a re ba thusa batho ba ba nang le keletso ya go nyalana mme ditsompelo di sa kopane.
A re ba tlotla thulaganyo ya Setswana ya lenyalo, a tlhalosa gore ba dira tsamaiso yotlhe ya Setswana, ya go ntshiwa ga magadi.
Mme Morwaagole a re ba naya banyalani bogakolodi le dithuto tse di tseneletseng ka lenyalo, go akaretsa le go dira mokwalo wa thulaganyo ya dithoto le kgaoganyo ya boswa.
Mothusa tona wa lephata la boatlhodi le popo sesha ya magolegwa, yo gape a leng Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye East, Rre Augustine Nyatanga, o boletse fa se e le ditso e bile e le sesupo sa lorato.
Rre Nyatanga o lebogetse barulaganyi ba lenaneo le thulaganyo e e botlhokwa e ya go aga malwapa a a nonofileng. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Re a nyalana
Date : 01 Sep 2026





