Breaking News

Kgosi Josiah o tlhomamisitswe

01 Sep 2026

Mothusa tona ya lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ignatius Moswaane a re tiro ya kgosi ke go etelela pele morafe, go rotloetsa kagiso le popagano mo motseng le setshaba ka kakaretso.

Rre Moswaane o buile se kwa moletlong wa go ipelela peo ya ga Kgosi Lucien Josiah kwa Dagwi ka Labotlhano. 

A re Kgosi Josiah o tlhomamisitswe ka ngwaga wa 2023 morago ga go tlogela tiro ka bogodi ga ga Kgosi Jeremiah Chinguli.

A re seriti sa bogosi se kwa godimo thata e bile puso e tsere ka tlhwaafalo go tsosolosa serodumo sa bogosi. 

Mothusa tona a re magosi a botlhokwa thata mo go ageng batho le go tlhabolola lefatshe, a gatelela ka gore, naga e senang khudu tlou, bolobeto ba ipha naga. 

O akgotse morafe wa Dagwi go bo ba amogana bogosi ka mowa o o iketlileng, lerato le kagiso.

Rre Moswaane o tlhalositse fa lephata la gagwe le sa beye bogosi mme tiro ya lone e le go lebelela gore molao wa bogosi wa reng le se batho ba se tlhalosang mabapi le kgosi e ba e batlang. 

O ne a supa fa morero e le konokono ka jalo a gwetlha kgosi go nna tsebe ntlha go utlwa le go tsaya tshwetso a sa tseye letlhakore. 

A re kgosi ke setlhare se se tshwanetseng go nna le dikala tse morafe o ka di nnang moriti.

Fa a itebaganya le Kgosi Josiah, a re kgosi jaaka moeteledipele le mokaedi wa batho, o tshwanetse go tshela se a se buang, a tlatsa ka go re morafe o solofetse ditiro tse di ntle le tse di eletsegang mo go ene.

Rre Moswaane o kopile kgosi go tshwara morafe wa gagwe ka tekatekanyo, go dira ka mowa wa tshwaragano le tirisanyo mmogo. 

O kopile morafe go tlotla kgosi ya bone le go mo kaela tsela fa ba bona a tswa mo tseleng, a supa fa ‘wa o ese o sa ele’. 

O boletse fa bogologolo magosi a ne a tlhokomela batho ba ba dikobo dikhutshwane le masiela ka go ba rafela dikgafela, ka jalo a rotloetsa Kgosi Josiah go nna le tshimo e e tlaa bong e le ya setshaba go thusa morafe.

Fa a amogela thomo, Kgosi Josiah o ne a leboga thata tlotla e a e filweng ke morafe wa Dagwi ya go ba etelela e le kgosi ya bone. 

A re o tshepisa batho ba motse oo go re ga a kitla a ba swabisa ka letsatsi lepe. 

O ba tshepisitse gore fa le ene nako ya go tlogele tiro ya bogosi e goroga, o tlaa neela yo o tlaa bong a mo tlhatlhama ka kagiso.

Kgosi Josiah o ile a solofetsa morafe le boeteledipele jwa motse oo fa a tlaa dirisanya le bone le go tsweledisa kagiso le lerato mo motseng. 

E rile a latlhela la gagwe, Kgosi Shadreck Mphala-Mengwe wa Maitengwe a bolela fa Kgosi Josiah e le motho le go bala le go nna a ikoketsa dithuto le ntswa dingwaga tsa gagwe di ile.

Kgosi Mengwe a re se a se dirang se sentle thata ka a nna a na le kitso ya ntlha ka se se diragalang lefatshe ka bophara. ENDS

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Peo ya kgosi

Date : 01 Sep 2026