Breaking News

Twantsho tshenyetso setshaba ke ya botlhe-Tsheko

01 Sep 2026

Mogokaganya ditirelo go tswa kwa ofising ya ga Tautona, Dr Aupa Tsheko o gwetlhile ba-na le seabe le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao go lwantsha tshenyetso setshaba ka e na le seabe mo kwelong tlase ya itsholelo. A re  gape e ka baka lehuma le le kwa godimo ka jaana ditlamelo di felela di sa goroge kwa setshabeng ka fa go solofetsweng ka teng.

Dr Tsheko o buile se bosheng kwa Tsabong jaaka a ne a buisa baeteledipele ba maphata a puso maikaelelo e le go tswa ka megopolo le go sekaseka ka fa ba ka tlhabololang ka teng matshelo a batho ba ba mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

A re mongwe le mongwe o tshwanetse a tseye karolo go lwantsha tshenyetso setshaba ka seo se ka thusa go tokafatsa itsholelo. 

O ne a supa fa meamuso le di-tsa tlholego tse di fitlhelwang mo kgaolong eo di ka fetola matshelo a banni go fokotsa go ikaega ka puso.

Dr Tsheko o ne a supa fa dikgwetlho tse di fitlhelwang mo dikgaolong di farologana, ka jalo a re go botlhokwa gore baeteledipele ba itebaganye le se se ka solegelang banni molemo.

A re ka go dira jalo ba ka kgona go tlhama ditiro tse ka tsone banni ba ka tshelang botshelo jo bo itshetletseng mme e bile bo ka tswa maduo go fokotsa go ikaega ka puso le gone go fokotsa lehuma le le tsweletseng ka go kokonela kgaolo ya Kgalagadi Borwa.

O boletse fa kgaolo ya Kgalagadi Borwa e humile di-tsa tlholego di tshwana le ditotoma tsa mmu, diphologolo tsa naga, dikammela, tse tsotlhe di okang bajanala go tokafatsa itsholelo. 

Fa a tswa la ga gwe Modulasetilo wa Khansele ya Tsabong Rre Elias Motlhanke o ne a supa tshwaragano ya khansele le maphata a a farologanyeng a puso, a kaya fa ba eme ka dinao mo go tlhomamiseng gore mananeo a a leng teng a goroga kwa Batswaneng le go ba sologela molemo.

Motshwarelela mokwaledi wa khansele, Rre Mogolodi Modibu o tlhalositse fa ba itemogetse letlhoko la ditiro le le kwa godimo mo kgaolong eo. A re khansele e tshwere phage ka mangana go tlhokomela batho ba le 3 964 ba akaretsa batlhoki, ba-na-le bogole, dikhutsana, le ba bangwe kgwedi le kgwedi.

Rre Modibu a re le fa go ntse jalo, seemo sa batlhoki se gakaditswe ke bolwetsi jwa tlhako le molomo ka khansele e ne ya patelesega go sekaseka barui le ba dikgwebo tse dipotlana ba le 854 ka nakwana, a supa fa dipalo tse di nna di oketsega ka go laola bolwetsi go sa ntse go tsweletse.

O ne a supa fa melawana ya go seka seka batlhoki (Destitute Policy 2002) e setse e siilwe ke nako mme e tshwanelwa ke go shafadiwa go itepatepanya le seemo sa botshelo sa nako eno.

Rre Modibu o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka ditiro tsa ditlhabololo tsa morafe tse di mo kgaolong eo le ka fa di ka sologelang morafe molemo ka teng ka go tlhama ditiro le go tlhabolola metse le matshelo go na le go ikgaega fela ka puso. 

O supile fa lenaneo la Bonno le tsweletse ka kago ya matlo a supa mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

Go le pele fa a bua maikaelelo a letsatsi mogolwane go tswa kwa lekalaneng la twantsho tshenyetso setshaba, Mme Felicitas Hlabano, o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go ruta le go tsibosa setshaba ka tshenyetso setshaba le ditlamorago tsa yone le gone go ama itsholelo le matshelo a setshaba ka kakaretso.

Mme Hlabano o tlhalositse fa maikaelelo a ofisi  ya bone e le go fitlhelela dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo le go rotloetsa setshaba go loma tsebe ba ba maleba fa ba baelaela ditsamaiso tse di sokameng.

 A re maikemisetso ke go tshwaraganya boeteledipele jwa kgaolo go akaretswa le ba ba ikemetseng. A supa fa lebone le le neng la amogelwa go le pele mo letsatsing leo, e le sesupo sa go senola tse di fitlhegileng mabapi le tshenyetso setshaba go di baa mo pontsheng. ENDS

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Phuthego ya baeteledipele ba maphata

Date : 01 Sep 2026