Moswaane o rotloetsa go fokotsa ikaego ka puso
31 Aug 2026
Mothusa tona wa dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ignatius Moswaane a re ke boikarabelo jwa puso go netefatsa gore setshaba se a tlhabologa.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Makaleng, o tlhalositse fa puso e tsile ka thulaganyo ya go tlhabolola setshaba e e itebegantseng le go ngokela madirelo kwa metseng selegae go netefatsa go batlisisa gore kwa madirelo a leng teng ke eng go sena tswelelo pele.
A re thulaganyo eo e ka thusa thata ka e ka fokotsa boikaego jwa setshaba mo pusong mo dilong tsotlhe, a tlatsa ka gore badirelapuso ba tshwanetse ba di goga kwa pele mo go diragatseng thulaganyo eo ka kwa phelelong, e ka tlhabolola le lone lefatshe.
“Re dira jaana ka gore ga re ka ke ra tlhola re dira dilo segologolo re re re emetse puso go re direla sengwe le sengwe le mororo re bona gore dilo ga di sa tshwana le tsa maloba,” Rre Moswaane a tlatsa jalo a supa fa kwelo tlase ya itsholelo e amile tlhabologo ya lefatshe ka kakaretso.
O supile fa puso e lebeletse ka tshepo mo Modimong gore mo tsamaong ya nako, itsholelo e tlaa tokafala e boela fa go tshwanetseng teng, a tlatsa ka gore setshaba se tshwanetse sa tlhaloganya gore itsholelo ga e ka ke ya boela mo seemong fa bone ba tsweletse ka go rwala mabogo mo tlhogong le gone neela tshwene marapo.
O gwetlhile setshaba go ema ka dinao go direla lefatshe go godisa itsholelo.
Rre Moswaane a re Motswana mongwe le mongwe o na le boikarabelo jo bo seng kana ka sepe go bona gore fa a leng teng o dira sengwe go bona gore lehatshe le ka gatela pele jang.
“Itsholelo ya lehatshe le, e agilwe ke mabutswapele a a neng a sena sepe ka nako eo, go le tlala le lenyora, mme ka tsholofelo le tirisanyo mmogo ba aga itsholelo ya lefatshe le ka di-tswa mmung,” a gatelela jalo.
Mothusa tona o tsweletse ka go tlhalosa fa ka nako ya tautona wa pele, Sir Seretse Khama, kabo ya madi a setshaba, e ene e le R58,000, ka nako ya ga Sir Ketumile Masire yo o tseneng mo pusong ka nako e e thata ya leuba le malwetse, a ne a dira ka natla go tokafatsa seemo.
Rre Moswaane o tlhalositse gore ka nako tsa ga Rre Festus Mogae ka dingwaga tsa bo 1999, itsholelo e ne e setse e godile e bile e tsamaya kwa go P1 billion e le lantlha e tshwara selekanyo seo.
A re fa a ya go tlogela tiro, o ne a setse a agile itsholelo e bile a kgobokantse madi a letlole la makata dimetshe a a kanang ka P83 billion.
A re ka ntlha ya diphetogo tsa mebaraka, itsholelo e ne e wa e tsoga, a akgola maiteko a botautona ba ba fetileng go fitlhelela le wa gompieno yo o dirang ka gotlhe go e tsosolosa.
Rre Moswaane a re se se ngomolang pelo ke gore fa ba tsaya puso, ba fitlhetse sekgwama sa puso se babaletswe thata ka jaana se ne se na le P2.9 billion mme go na le dikoloto tse di ka tshwarang P21 billion.
A re le mororo go ntse jalo, ke maikaelelo a puso go bona dilo dingwe di dirwa bogolo jang tse di tlhabololang matshelo a batho.
O lebogetse khansele ya Bokone Botlhaba go eteletsa pele ditiro le go tsisa madirelo mo magaeng a kgaolo e.
O supile fa khansele eo e itlhomile kwa pele mo go tsamaiseng thulaganyo ya puso ya go tlhabolola setshaba le gone go rudisa itsholelo a tlatsa ka gore e simolotse ditirelo di tshwana le thuo ya dikoko tsa nama le tsa mae, go sila mabele go dira bopi, go lema merogo le gone go apaya borotho.
Ditirelo tse dingwe di akaretsa go roka paka ya dikole le tse dingwe fela tse di tlhokegang mo motseng.
Rre Moswaane o akgotse maiteko ao a re a supa kgatelelopele.
A re fa banni ba inaakanya le ditiro tseo, ba ka fokotsa botlhoki, a tlatsa ka gore ba ba nang le didirisiwa tse ba di filweng ka lenaneo la nyeletso lehuma, ba tshwanetse ba ititaya ka thupana ba simolola go di tsenya mo tirisong.
O kgothaditse banni go simolola go tsosolosa masimo a tlatsa ka gore thobo e na le dipoelo tse di dinametsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Makaleng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 Aug 2026





