Matsiloje o ipelela letsatsi la ngwao
31 Aug 2026
Erile ka Labotlhano morafe wa Matsiloje o bo o tshwere moletlo wa go ipelela letsatsi la ngwao, go gakologelwa kwa ba tswang teng.
Letsatsi le, le ne le rulagantswe go keteka lenyalo la Serolong, go supa tsamaiso le go ruta ka yone.
E rile fa a ala ditso tsa morafe wa Barolong ba Matsiloje, Mme Mmalenyalo Koveya a tlhalosa fa Barolong ba tlholega kwa Thabantsho kwa South Africa, kwa kgaolong ya Orange Free State.
Mme Koveya a re 1897, Kgosi Samuel Moroka o ne a tla le morafe wa gagwe wa Barolong bo-o Seleke mme ba thibelela kwa nageng e e neng e tletse diphologolo le dibatana.
Mme Koveya o ne a tlhalosa fa Kgosi Moroka a ne a bolelela morafe wa gagwe gore ‘nnang malatsinyana lo je, go bona gore a ke bodulo jo bo lo siametseng.’
Leina Matsiloje ke gone fa le duleng teng, mo molaetseng wa ga Kgosi wa ‘nnang malatsinyana lo je,’ ga tlhalosa jalo Mma Koveya.
E rile fa a tlhalosa tsamaiso ya lenyalo la Serolong, Mma Koveya a re, lenyalo le tsamaisiwa ka patlo.
“Patlo e e simolola ka borre kwa kgotleng, makuku a naka tsa kgomo, mme ba abe ngwana. Morago ga moo, go ya borre ba babedi kwa go bomme gore ngwana o abilwe. Bomme ba tlaa bo ba ba amogela ka gore tlhogo tsa batho,” ga bua jalo Mma Koveya.
Fa a tlhalosa mafoko a ‘tlhogo tsa batho’, Mma Koveya a re go tewa gore, a lesika le ate, bana ba tsholwe. Mme Koveya o ne a tswelela a tlhalosa fa morago ga patlo, go tsena mokwele, go latela bogadi le moletlo mme morago ga moletlo go nne le go beka ngwana ka Serolong, mo go rayang go laya ngwana, kgoroso e tle kwa morago.
O ne a tlatsa ka gore Barolong ba tlotla tsamaiso ya lenyalo fela thata. E rile fa a tswa la gagwe, Mme Khabe Olaotse yo e leng modulasetilo wa Lentswe la Bomme go tswa Tonota, a tlhalosa fa le Bakhurutshe ba na le tsamaiso ya lenyalo e e haphegileng.
Mme Olaotse o ne a supa fa lenyalo e le motheo o o tiileng wa lelwapa.
A supa fa lelwapa le thusa go aga setshaba se se nonofileng e bile se na le maitshwaro a a amogelesegang.
Mme Olaotse o ne a rotloetsa bomme ba Matsiloje go ema ka dinao, go lwantsha tlhoko botho e e atileng e dirwa ke bana, mme a re fa mekgatlho e ka tshwaragana le bogosi go ka nna le maduo a a bonalang.
Letsatsi le la ngwao le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo sa Lenyalo; Go ruta ka botlhokwa le tsamaiso ya lone. Le ne le tsenwe boeteledipele jwa motse, morafe gammogo le bana ba sekole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Matsiloje
Event : Letsatsi la ngwao
Date : 31 Aug 2026





